Thulaganyo e Ntšha ya Kopano e e Kgethegileng ya Letsatsi le le Lengwe
Fa re bona kana re utlwa ka tlhagiso nngwe mme re bo re e itlhokomolosa, matswela a gone e ka nna a a maswe. Go botlhokwa le eleng go feta gore re latele kaelo ya semoya e Jehofa a re nayang yone. Seno se tla gatelelwa mo thulaganyong ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ya ngwaga o o tlang wa tirelo. Setlhogo sa yone ke “Elang Tlhoko Kafa lo Reetsang ka Gone.”—Luke 8:18.
Mo puong ya gagwe ya ntlha, sebui se se etileng se tla sekaseka kafa kgakololo e e mo dikgaolong tse di simololang tsa lekwalo le le tlhotlheleditsweng la ga Paulo go Bahebera e dirang ka teng mo go rona gompieno. Mo puong e e konelang e e reng “Nna o Tlhwaetse Ditaelo Tsa Modimo Tsebe,” o tla thusa botlhe go itshekatsheka gore a ruri ba reetsa Jehofa, Morwawe le “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.”—Math. 24:45.
Dipuo tse di farologaneng mo thulaganyong di tla solegela segolobogolo malapa molemo. Puo e e reng “Malapa a a Reetsang Lefoko la Modimo Kwantle ga go Iteega Tsebe,” e tla re thusa go tila dilo tsa lefatshe tse di ka re thibelang go gola semoyeng. Puo eno e tla nna le dipotsolotso tse mo go tsone go botsolodiwang bangwe ba ba ileng ba dira diphetogo gore dilo tsa semoya di tle pele. Mo puong e e reng “Kafa go Reetsa ka Kelotlhoko go Nonotshang Basha ba Rona ka Gone,” go tla botsolodiwa basha ba ba ileng ba emela boammaaruri kwa sekolong, mo balekaneng ba bone kana mo bodireding. Puo e e reng “Bana ba Bannye ba ba Reetsang Modimo e Bile ba Ithuta,” e tla re thusa gore re se ka ra nyatsa bokgoni jwa bana jwa go ithuta. Dipotsolotso tse mo go tsone go botsolodiwang bana le batsadi ba bone di tla re thusa go bona melemo e e nnang gone ka ntlha ya go thapisa bana go tswa boseeng mo ditseleng tsa ga Jehofa.
Fa Satane a ntse a ‘tsietsa lefatshe lotlhe le le nang le banni,’ Jehofa ene o bontsha batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang tsela e ba tshwanetseng go tsamaya mo go yone. (Tshen. 12:9; Isa. 30:21) Go reetsa kgakololo ya gagwe ka kelotlhoko le go e dirisa ka boikobo mo matshelong a rona go a re tlhalefisa, go a re itumedisa e bile go isa botshelong jo bo sa khutleng.—Dia. 8:32-35.