LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/04 ts. 1
  • Re Tlhoka Thuso ya Gago

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Tlhoka Thuso ya Gago
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Batlhanka ba Bodiredi ba Dira Tiro e e Botlhokwa
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Bakaulengwe—Jalelang Moya Mme lo Kgaratlhe!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Bakaulengwe ba Basha, A lo A Kgaratlha?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Thapisa ba Bangwe Gore ba Leke go Tshwanelega
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
km 12/04 ts. 1

Re Tlhoka Thuso ya Gago

1 “Re lebogela dilo tsotlhe tse lo re direlang tsone. Lo re thusa fela thata.” Mafoko ao a bontsha sentle kafa re lebogang ka teng go nna le bagolwane le batlhanka ba bodiredi. Jaaka fa phuthego ya Modimo e ntse e gola, go nna go tlhokega banna ba ba godileng ba ba tla thusang go tlhokomela diphuthego di ka nna 100 000 mo lefatsheng lotlhe. Fa o le mokaulengwe yo o kolobeditsweng, re tlhoka thuso ya gago.

2 Go “Kgaratlhela” go Tshwanelegela Tiro: O ka dira eng gore o tshwanelegele ditshiamelo tse di oketsegileng tsa tirelo? (1 Tim. 3:1) Selo sa botlhokwa ke gore o tlhome sekao se sentle mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa gago. (1 Tim. 4:12; Tito 2:6-8; 1 Pet. 5:3) Nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera, mme o thuse ba bangwe gore le bone ba dire jalo. (2 Tim. 4:5) Bontsha gore o kgatlhegela badumedi ka wena go tswa pelong. (Bar. 12:13) Nna moithuti yo o molemo wa Lefoko la Modimo, o bo o tlhagolele “bokgoni jwa go ruta.” (Tito 1:9; 1 Tim. 4:13) Fa bagolwane ba go neile dikabelo, di dire ka tlhoafalo. (1 Tim. 3:10) Fa o le tlhogo ya lelapa, ‘okamela ba ntlo ya gago ka mokgwa o o molemo.’—1 Tim. 3:4, 5, 12.

3 Motho o tshwanetse go dira ka natla le go nna le moya wa go intsha setlhabelo gore a newe maikarabelo mo phuthegong. (1 Tim. 5:17) Ka jalo, fa o ntse o dira ka natla gore o tshwanelege, tlhoma mogopolo thata mo go direleng ba bangwe ka boikokobetso. (Math. 20:25-28; Joh. 13:3-5, 12-17) Tlhatlhanya ka boikutlo jo Timotheo a neng a na le jone, mme o leke go bo etsa. (Bafil. 2:20-22) Fela jaaka Timotheo, a boitshwaro jwa gago jo bo molemo e nne jone jo bo go buelelang. (Dit. 16:1, 2) Fa o ntse o leka go nna le dinonofo tsa semoya tse di tlhokegang gore o kgone go dira dikabelo tse di oketsegileng mme o dirisa kgakololo epe fela e ba bangwe ba ka go nayang yone go go thusa go tokafatsa mo o tshwanetseng teng, ‘botswelelopele jwa gago bo tla bonatshega mo bathong botlhe.’—1 Tim. 4:15.

4 Batsadi, Thapisang Bana Gore le Bone ba Thuse: Bana ba ka simolola go ithuta go thusa mo phuthegong ba sa le bannye. Ba rute go reetsa fa ba le kwa dipokanong, e bile o ba rute go rera le gore ba itshware sentle fa ba le kwa Holong ya Bogosi le kwa sekolong. Dira gore ba nne le seabe mo ditirong tse di direlwang ba bangwe, ba dire dilo tse di jaaka go thusa go phepafatsa Holo ya Bogosi, go thusa batsofe, le tse dingwe jalo. Dira gore ba bone gore motho o itumela jang fa a aba. (Ditiro 20:35) Go ba thapisa ka tsela e e ntseng jalo go ka ba thusa go nna babulatsela, batlhanka ba bodiredi le bagolwane ba kamoso.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela