Karolo 5: Go Bona Gore re Akaretse Dintlha Tse di Kana Kang
Go Tshwara Dithuto Tsa Baebele Tse di Gatelang Pele
1 Fa Jesu a ne a ruta, o ne a akanyetsa barutwa ba gagwe, a bua le bone ‘go ya kafa ba neng ba kgona go reetsa ka gone.’ (Mar. 4:33; Joh. 16:12) Ka tsela e e tshwanang, gompieno barutisi ba Lefoko la Modimo ba tshwanetse go bona gore ba tshwanetse go akaretsa dintlha tse di kana kang fa ba tshwara thuto ya Baebele. Gore go tla ithutiwa dintlha tse di kana kang go ikaegile ka bokgoni le maemo a moithuti le a motho yo a mo tshwaretseng thuto.
2 Aga Tumelo e e Nonofileng: Baithuti bangwe ba ka nna ba tlhoka go rutwa dintlha dingwe gabedi kgotsa gararo e le gore ba di tlhaloganye fa yo mongwe ene a ka nna a di tlhaloganya a sena go di rutwa gangwe fela. Go botlhokwa gore re thuse moithuti go tlhaloganya dintlha sentle go na le gore re akaretse fela dintlha tse dintsi mo nakong e khutshwane. Moithuti mongwe le mongwe o tlhoka go nna le tumelo e e nonofileng e a sa tswang go nna le yone mo Lefokong la Modimo.—Dia. 4:7; Bar. 12:2.
3 Fa o ntse o tshwara thuto beke le beke, dirisa nako epe fela e e tlhokegang go thusa moithuti go tlhaloganya le go dumela se a se ithutang mo Lefokong la Modimo. Tila go itlhaganela jaana mo e leng gore moithuti ga a solegelwe molemo ka botlalo ke boammaaruri jo a bo ithutang. Dirisa nako e e lekaneng go sekaseka dintlha tsa konokono le go bala ditemana tse di tshegetsang dintlha tsa thuto eo.—2 Tim. 3:16, 17.
4 Tlhoma Mogopolo Mo go Se se Ithutiwang: Le fa re sa batle go tshwara thuto ka lepotlapotla, gape ga re batle go akaretsa dintlha tse di sa amaneng le se se ithutiwang. Fa e le gore moithuti o na le go bua thata ka dikgang tsa gagwe fela tsa botho, go ka nna ga tlhokega gore re rulaganyetse go bua le ene ka tsone morago ga thuto.—Mor. 3:1.
5 Kafa letlhakoreng le lengwe, go tlhagafalela ga rona boammaaruri go ka nna ga dira gore go se nne motlhofo mo go rona go tila go bua thata ka nako ya thuto. (Pes. 145:6, 7) Go akaretsa ntlha nngwe e e kwa thoko ka dinako dingwe kana maitemogelo mangwe, go ka solegela moithuti molemo, mme gone ga re batle gore dintlha tseno di nne dintsi jaana mo e leng gore di dira gore moithuti a se ka a tlhaloganya kitso e e leng yone ya dithuto tsa Baebele.
6 Fa re akaretsa dintlha tse di lekaneng sentle mo thutong nngwe le nngwe, re thusa baithuti ba Baebele go ‘tsamaya mo leseding la ga Jehofa.’—Isa. 2:5.