Lwela go Nna le Bokgoni Jwa go Ntshetsa Batho Mabaka
1. Re tlile go sekaseka pego efe ya Baebele mme ka ntlha yang?
1 Puo e moaposetoloi Paulo a neng a e neela mo sinagogeng kwa Antioka wa Pisidia, e e kwadilweng mo go Ditiro 13:16-41, e re naya sekao se se molemo sa kafa re ka ntshetsang batho mabaka ka gone. Paulo o ne a akanyetsa maemo a bareetsi ba gagwe ba goletseng mo go one le tsela ya bone ya go akanya a bo a dira gore dikgang tse di molemo tse a neng a ba bolelela tsone di tsamaisane sentle le maemo a bone. Fa re ntse re sekaseka pego eno, mma re bone gore rona re ka dira seo jang fa re le mo bodireding.
2. Tsela e Paulo a ileng a simolola puo ya gagwe ka yone e re ruta eng?
2 Batla Sengwe se lo Dumalanang ka Sone: Le mororo molaetsa wa ga Paulo o ne o amana le seabe sa ga Jesu sa go diragatsa boikaelelo jwa Modimo, o ne a se ka a simolola motlotlo wa gagwe ka go umaka ntlha eo. Go na le moo, o ne a bua pele ka sengwe se ene le bareetsi ba gagwe ba bantsi ba Bajuda ba neng ba dumalana ka sone—e leng hisitori ya batho ba Bajuda. (Dit. 13:16-22) Ka tsela e e tshwanang, le rona re ka atlega mo go direng gore batho ba bangwe ba re reetse fa re batla pele sengwe se rona le bone re dumalanang ka sone. Go dira jalo go ka nna ga re tlhoka gore re ba botse dipotso ka botlhale tse di tla dirang gore ba tlhalose se se mo maikutlong a bone re bo re ba reetsa ka kelotlhoko gore re tle re lemoge se se leng botlhokwa thata mo go bone.
3. Ke eng se se neng sa dira gore go nne thata mo bareetsing ba ga Paulo go dumela gore Jesu e ne e le Mesia yo o solofeditsweng?
3 Fa Paulo a ne a tlotla ka hisitori ya Bajuda, o ne a gakolola bareetsi ba gagwe ka tsholofetso ya Modimo ya go ba tlisetsa Mmoloki go tswa mo lotsong lwa ga Dafide. Le fa go ntse jalo, Bajuda ba le bantsi bone ba ne ba letetse mogaka mongwe wa sesole yo o neng a tlile go ba golola mo pusong e e neng e ba gateletse ya Roma a bo a tlotlomatsa setšhaba sa Bajuda go feta tse dingwe tsotlhe. Ga go pelaelo gore ba ne ba itse gore Jesu o ne a gannwe ke baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda kwa Jerusalema, gore o ne a newa balaodi ba Roma, mme a bolawa. Paulo o ne a ka kgona jang go ba tlhatswa pelo gore Jesu e ne e le Ene Mesia yo o solofeditsweng?
4. Paulo o ne a dirisa jang bokgoni jwa go ntshetsa Bajuda ba ba neng ba mo reeditse mabaka?
4 Dira Gore Puisano ya Gago e Tsamaisane le Maemo a Batho ba o Buang le Bone: E re ka Paulo a ne a itse tsela e bareetsi ba gagwe ba neng ba akanya ka yone, o ne a dirisa Dikwalo go tlhalosa dilo tse ba neng ba setse ba di dumela. Ka sekai, o ne a simolola go bua ka Jesu a tlhalosa gore ke setlogolo sa ga Dafide e bile e le yo Johane Mokolobetsi, yo batho ba le bantsi ba neng ba mo leba e le moporofeti wa Modimo, a neng a mo itsise batho ba bangwe. (Dit. 13:23-25) Paulo o ne a tlhalosa gore fa baeteledipele ba bodumedi ba ne ba gana Jesu ba bo ba mo atlholela loso, “ba ne ba diragatsa dilo tse di neng tsa buiwa ke Baporofeti.” (Dit. 13:26-28) Gape, o ne a tlhalosa gore go ne go na le batho ba e neng e le basupi ba ba iponetseng ka matlho gore Jesu o ne a tsositswe mo baswing, mme a umaka Dikwalo tse ba neng ba di itse tse di neng di diragaditswe malebana le go tsosiwa ga ga Jesu.—Dit. 13:29-37.
5. (a) Paulo o ne a dira jang gore puisano ya gagwe e tshwanele maemo a bareetsi ba gagwe ba Bagerika? (b) Re ka etsa jang sekao sa ga Paulo fa re rera mo tshimong ya rona?
5 Kafa letlhakoreng le lengwe, Paulo o ne a dirisa puisano e e farologaneng le eno fa a ne a bua le bareetsi ba gagwe ba Bagerika kwa Areopago kwa Athena. (Dit. 17:22-31) Le fa go ntse jalo, molaetsa wa gagwe o ne o sa fetoga, mme mo makgetlong ano a mabedi, maiteko a gagwe a ne a nna le matswela a a molemo. (Dit. 13:42, 43; 17:34) Ka tsela e e tshwanang, le rona re tla nna le matswela a a molemo mo bodireding fa re leka go batla sengwe se re dumalanang le bareetsi ba rona ka sone le go dira gore puisano ya rona e tsamaisane sentle le maemo a bone le tsela e ba akanyang ka yone.