LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/06 ts. 1
  • Lekwalo le le Tswang Lekaleng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lekwalo le le Tswang Lekaleng
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tirelo ya Bethele—Go Tlhokega Baithaopi ba ba Oketsegileng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • A Eno e ka Nna Tiro e e Molemolemo mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • A o Ka Kgona go Ithaopa?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Go Anaanela “Ntlo ya Modimo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
km 9/06 ts. 1

Lekwalo le le Tswang Lekaleng

Baboledi ba ba Rategang ba Bogosi:

Kopano ya ntlhantlha e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ya puo ya diatla e ne ya tshwarelwa mo Holong ya Bogosi ya Bethele ka Sontaga, April 23, 2006. Baboledi ba ba susu, batho ba ba kgatlhegang le ba ba ithutileng puo ya diatla ba ne ba tla go tswa mo Afrika Borwa yotlhe le kwa Mozambique, Namibia, le Swaziland go nna gone mo tiragalong eno e e kgethegileng. Botlhe ba ne ba itumeletse go kgona go kopana le bakaulengwe ba ba tswang kwa mafelong a le mantsi.

Batho ba le 626 ba ne ba le gone mo thulaganyong ya mo mosong. Go na le kgatelopele e e itumedisang mo tshimong ya puo ya diatla mme gone jaanong go na le diphuthego di le tharo tsa puo ya diatla le ditlhopha tse di fetang 40 tse di kafa tlase ga lekala la Afrika Borwa.

Re amogetse dipego tse di molemo malebana le go thusiwa ka lorato ga bakaulengwe le bokgaitsadi ba le diketekete ba ba amilweng ke dikgwanyape tse di sentseng Gulf Coast ya United States ka 2005.—Joh. 13:35.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba fetang 8 000 ba ba neng ba bereka le Dikomiti Tsa Kago Tsa Kgaolo di le 60 ba ne ba dirisa nako ya bone, bokgoni le dilo tsa bone mo tirong eno ya go namola. Ba thusitse go baakanya kgotsa go aga sesha Diholo Tsa Bogosi di le 86 le matlo a le 4 178. Go na le tiro e e tshwanetseng go dirwa mo Diholong tse dingwe tsa Bogosi di le tlhano le matlo a le 722. Baithaopi ba ne ba tswa mo dikarolong tsotlhe tsa United States go tla go thusa. A bo rotlhe re lebogela ditiro tsa bone tse di bontshang lorato!—1 Bathes. 5:18.

Re kopa gore lo tswelele pele lo rapelela bakaulengwe bano botlhe ba ba rategang—ba ba neng ba amiwa ke masetlapelo ano le ba ba ba thusang.—2 Bakor. 1:11.

Bakaulengwe ba lona,

Ofisi ya Lekala ya Afrika Borwa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela