LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/07 ts. 1
  • Lo Nne Lo “Ungwe Maungo a Mantsi”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lo Nne Lo “Ungwe Maungo a Mantsi”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Lo Nne lo Ungwe Maungo a Mantsi”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Go Ipelela Kamano E Lo Atamalaneng Thata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Barutwa ba Tshwanetse go Ungwa Maungo
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • “O Tlhokomele Mofine Ono”!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 6/07 ts. 1

Lo Nne Lo “Ungwe Maungo a Mantsi”

1 Jesu a dirisa mafoko a tshwantshetso, o ne a itshwantsha le mofine wa boammaaruri, Rraagwe le Modiri wa mo tshimong, mme balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ka moya a ba tshwantsha le dikala tse di ungwang tsa mofine. Fa Jesu a tlhalosa tiro ya Modiri wa tshwantshetso wa mo tshimong, o ne a gatelela botlhokwa jwa go nna ba tshwaragane le mofine. (Joh. 15:1-4) Se re ithutang sone ke gore mongwe le mongwe yo o nang le kamano e e gaufiufi le Jehofa o tshwanetse go tshwana le kala e e ungwang ya “mofine wa boammaaruri,” e bong Jesu Keresete. Re tshwanetse go nna re tlhagisa ka bontsi “maungo a moya” le maungo a Bogosi.—Bagal. 5:22, 23; Math. 24:14; 28:19, 20.

2 Maungo a Moya: Kgatelopele ya rona semoyeng e ka lekanngwa thata le kafa re bontshang ka gone maungo a moya. A o lwela go nna le maungo a moya wa Modimo ka go ithuta ka metlha Lefoko la Modimo le go tlhatlhanya ka lone? (Bafil. 1:9-11) O se ka wa okaoka go rapelela moya o o boitshepo, o o ka dirang gore o nne le dinonofo tse di galaletsang Jehofa le tse di ka go thusang go gatela pele semoyeng.—Luke 11:13; Joh. 13:35.

3 Go lwela go nna le maungo a moya gape go tla re thusa go nna badiredi ba ba tlhagafetseng thata. Ka sekai, lorato le tumelo di re tlhotlheletsa go ipha nako le fa re na le ditiro tse dintsi go nna le seabe ka metlha mo bodireding. Dinonofo tse di jaaka kagiso, bopelotelele, bopelonomi, bonolo le boikgapo di re thusa go itshwara sentle fa re ganediwa. Boipelo bo re thusa go kgotsofala mo bodireding le fa batho ba sa arabele sentle.

4 Maungo a Bogosi: Gape re batla go ungwa maungo a Bogosi. Seno se akaretsa go isa ‘setlhabelo sa pako, ke gore, leungo la dipounama tse di bolelang leina la ga Jehofa phatlalatsa.’ (Baheb. 13:15) Re dira seno ka go bolela dikgang tse di molemo ka tlhoafalo le ka boikanyegi. A o leka go ungwa maungo a a oketsegileng a Bogosi ka go tokafatsa bodiredi jwa gago?

5 Jesu o ne a bontsha gore balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang ba tla ungwa maungo a a farologaneng. (Math. 13:23) Ka jalo, ga re a tshwanela go ipapisa le ba bangwe mme re tshwanetse go direla Jehofa ka bojotlhe jwa rona. (Bagal. 6:4) Go sekaseka maemo a rona re dirisa Lefoko la Modimo go tla re thusa go tswelela pele re galaletsa Jehofa ka go ‘ungwa maungo a mantsi.’—Joh. 15:8.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela