“Go Itumela Motho yo o Nnang a Itshokela Teko”
1 Bakeresete botlhe ba tshwanetse go lebana le diteko. (2 Tim. 3:12) Diteko tseno e ka nna bolwetse, mathata a itsholelo, thaelo, pogiso kgotsa di ka tla ka ditsela tse dingwe tse dintsi. Satane o re leretse diteko gore re goge dinao, re tlhokomologe bodiredi jwa rona jwa Bokeresete kgotsa le eleng go kgaotsa go direla Modimo. (Jobe 1:9-11) Go itshokela diteko go felela ka boitumelo jang?—2 Pet. 2:9.
2 Ipaakanyetse Diteko: Jehofa o re neile Lefoko la gagwe la boammaaruri, go akaretsa le pego ya botshelo jwa ga Jesu le dithuto tsa gagwe. Fa re utlwa mafoko a ga Jesu re bo re dira go ya ka one, re thaya motheo o o nonofileng mme ka jalo re ipaakanyetsa diteko. (Luke 6:47-49) Gape re bona maatla ka ditsela tse dingwe—mo bakaulengweng ba rona ba Bakeresete, dipokano tsa phuthego le mo dikgatisong tse di theilweng mo Baebeleng tse di tswang kwa setlhopheng sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale. Nako le nako re dirisa mpho ya Modimo ya thapelo.—Math. 6:13.
3 Gape Jehofa o re neile tsholofelo. Fa re nna le tumelo e e nonofileng mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa, tsholofelo ya rona e nna “tshetledi ya moya, e e tlhomamisegang e bile e nitame.” (Baheb. 6:19) Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, dikepe di ne di sa tswe mo boemakepeng kwantle ga tshetledi, tota le fa maemo a bosa a siame. Fa setsuatsue se tla ka tshoganyetso, go ne go latlhelwa tshetledi mo boalong jwa lewatle gore sekepe se se ka sa thubagana mo lotshitshing lwa lewatle lo lo tletseng matlapa. Ka tsela e e tshwanang, go nna le tumelo mo ditsholofetsong tsa Modimo gone jaanong go tla dira gore re nitame fa re welwa ke mathata a magolo. Mathata a ka tla ka tshoganyetso. Le fa tiro ya go rera ya ga Paulo le Barenabase la ntlha e ne ya amogelwa sentle kwa Lisetera, maemo a ne a fetoga ka bonako fa baganetsi ba Bajuda ba goroga.—Dit. 14:8-19.
4 Go Itshoka go Felela ka Boitumelo: Go nna re nitame mo bodireding le fa re ganediwa go dira gore re ritibale mo maikutlong. Re a itumela fa re kaiwa re tshwanelwa ke go tlontlololelwa Keresete. (Dit. 5:40, 41) Go itshokela diteko go re thusa go nna le dinonofo tse di jaaka boikokobetso, kutlo le boitshoko. (Dute. 8:16; Baheb. 5:8; Jak. 1:2, 3) Go re ruta go ikaega ka Jehofa, go ikanya ditsholofetso tsa gagwe le go tshabela mo go ene.—Dia. 18:10.
5 Re a itse gore diteko ke tsa nakwana. (2 Bakor. 4:17, 18) Diteko di re naya sebaka sa go bontsha gore re rata Jehofa go le kana kang. Fa re di itshokela, re ka araba ditatofatso tsa ga Satane. Ka jalo, ga re ineele! “Go itumela motho yo o nnang a itshokela teko, ka gonne e tla re fa a amogelwa o tla amogela serwalo sa botshelo.”—Jak. 1:12.