Diphetogo Tse di Itumedisang ka Tora ya Tebelo!
1 Kwa tshimologong ya ngwaga ono, diphuthego di ne tsa amogela kitsiso e e itumedisang: Go simolola ka January 2008, Tora ya Tebelo e tla nna le dikgatiso tse pedi tse di farologaneng, kgatiso e nngwe e tla nna ya batho mo tshimong mme e nngwe e tla nna ya Basupi! Gongwe o ntse o ipotsa jaana: ‘Dimakasine tseno tse pedi di tla farologana jang? Melemo ya go nna le dimakasine tse pedi tse di farologaneng ke efe? A go na le dikarolo dipe tse disha mo dimakasineng tseno?’
2 Dipharologano: Makasine wa ntlha wa kgwedi o tla bidiwa Makasine wa Batho mo Tshimong. Ditlhogo tsotlhe mo makasineng ono di tla lebisiwa mo bathong mo tshimong. Makasine wa di15 wa kgwedi o tla bidiwa Makasine o o Ithutiwang mme ga o kitla o tsamaisiwa mo tirelong ya tshimo. O tla nna le ditlhogo tsotlhe tse di ithutiwang tsa kgwedi e le nngwe mmogo le ditlhogo tse dingwe tse di tshwanelang thata Bakeresete ba ba ineetseng. Makasine wa Batho mo Tshimong wa Tora ya Tebelo ga o kitla o ikuela fela mo Basuping mme o tla ikuela segolobogolo mo bathong ba e seng Basupi ba ba dumelang mo Baebeleng. Kafa letlhakoreng le lengwe, Tsogang!, e sa ntse e tla kwalwa e lebisitswe kwa babading ba bantsi, go akaretsa le batho ba ba nang le dipelaelo le ba ba ipolelang gore ke ba bodumedi jo e seng jwa Bokeresete.
3 Melemo: Mo Makasineng o o Ithutiwang, ga go kitla go tlhokega go tlhalosa mafoko a a jaaka “mmulatsela” ka ditsela tse batho ba e seng Basupi ba tla di tlhaloganyang. Gape makasine ono o tla nna le tshedimosetso e e tshwanetseng e e rulaganyeditsweng segolobogolo Basupi ba ga Jehofa le diithuti tsa Baebele tse di gatelang pele semoyeng. Go tweng ka Makasine wa Batho mo Tshimong? Go tla bo go akantswe ka batho ba mo tshimong fa go tlhophiwa ditlhogo tse go kwalwang ka tsone mmogo le tsela ya go kwala e e tla dirisiwang. Ka lebaka leo motho yo e seng Mosupi o tla itumelela go bala makasine ono otlhe. Mosupi mongwe le mongwe wa ga Jehofa o tla solegelwa molemo ke go bala makasine mongwe le mongwe. Ka gonne re tla bo re tsamaisa Tora ya Tebelo e le nngwe le Tsogang! e le nngwe mo bodireding jwa tshimo kgwedi nngwe le nngwe, re tla nna le kgwedi yotlhe go tokafatsa dipuisano tse di nang le matswela.
4 Dikarolo Tse Disha: Go rulagantswe dikarolo dingwe tse disha tse di kgatlhang mo Makasineng wa Batho mo Tshimong wa Tora ya Tebelo. Karolo nngwe e tla tlotla ka dithuto tsa motheo tsa Dikwalo ka tsela e e motlhofo. Karolo e nngwe e tla bontsha kafa Baebele e ka thusang malapa ka gone. Diporojeke tsa go ithuta Baebele di tla kwalelwa basha. Makasine mongwe le mongwe o tla nna le setlhogo se se bontshang ditemana tse di rileng tsa Baebele tse di re rutang ka dinonofo tsa ga Jehofa.
5 Re rapela gore Jehofa a segofatse thulaganyo eno e ntšha ya Tora ya Tebelo. E kete makasine oo, mmogo le Tsogang!, di ka fitlhelela batho ba le bantsi ba ba tshwanelang dikgang tse di molemo.—Math. 10:11.