LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/07 ts. 1
  • Naya Bahumanegi Tsholofelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Naya Bahumanegi Tsholofelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ise go ye Kae go Tla bo go Sena Mohumanegi!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Latela Sekao sa ga Jesu Mme o Amege ka Bahumanegi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Khumanego e Tloga e Fela
    Tsogang!—1998
  • Bahumanegi ba Tla Nna Jalo go Fitlha Leng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 10/07 ts. 1

Naya Bahumanegi Tsholofelo

1 Jesu o ne a kgatlhegela bahumanegi ka tsela e e kgethegileng. Go na le dinako dingwe tse a ileng a ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang ka go dira dikgakgamatso le go fodisa ba ba lwalang, le fa go ntse jalo, o ne a tlhomile mogopolo thata mo go boleleleng bahumanegi “dikgang tse di molemo.” (Math. 11:5) Bodiredi jwa Bokeresete le gompieno bo sa ntse bo solegela bahumanegi le batho ba bangwe molemo.—Math. 24:14; 28:19, 20.

2 Tsholofelo ya Mmatota: Gantsi baruti ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete ba solofetsa bahumanegi gore ba tla segofala fa ba abela kereke ka bopelotshweu. Le fa go ntse jalo, Baebele e ruta gore ke Bogosi jwa Modimo fela jo bo ka fedisang khumanego le go rarabolola mathata otlhe a batho. (Pes. 9:18; 145:16; Isa. 65:21-23) Ka go bontsha bahumanegi se tota Baebele e se rutang, re a bo re ba naya tsholofelo le go ba thusa go kgotsofatsa keletso ya bone ya go nna le kitso ya dilo tsa semoya.—Math. 5:3.

3 Bafarasai ba motlha wa ga Jesu ba ne ba tseela bahumanegi kwa tlase, ka tshotlo ba ba bitsa gore ke ‘am-ha·’aʹrets, kgotsa “batho ba naga.” Le fa go ntse jalo, Jesu ene o ne a tsaya “madi a bone,” kgotsa botshelo jwa bone bo le “tlhwatlhwakgolo.” (Pes. 72:13, 14) Re ka etsa Jesu mme ra ‘utlwela bahumanegi botlhoko’ ka go nna pelonomi mo go bone le go bontsha go amega ka bone. (Dia. 14:31) Le ka motlha ga re batle go bua ka tsela ya go nyenyefatsa batho ba ba nnang mo mafelong a a humanegileng kgotsa go bontsha go se rate go ba neela bosupi. Bontsi jwa batho ba ba amogelang molaetsa wa Bogosi ke batho ba ba humanegileng.

4 Ba Thuse Gone Jaanong: Go ruta bahumanegi melaometheo ya Baebele mo tshimong ya rona gape go ba thusa go fokotsa matswela a khumanego gone jaanong jaana. Ka sekai, Baebele e kgala botagwa, go betšha, botshwakga, go goga motsoko le mekgwa e mengwe e e bakang khumanego. (Dia. 6:10, 11; 23:21; 2 Bakor. 7:1; Baef. 5:5) Dikwalo di re kgothaletsa go ikanyega le go dira ka “moya otlhe,” e leng dinonofo tse bathapi ba di batlang mo bathapiweng ba bone. (Bakol. 3:22, 23; Baheb. 13:18) Tota e bile, mo patlisisong nngwe, bathapi ba le bantsi ba ile ba bolela gore go ikanyega ke selo se se ba kgatlhang go gaisa tsotlhe fa ba senka mothapiwa.

5 Jehofa o a amega ka tshotlego ya bahumanegi. Jesu Keresete o tla tloga a golola “mohumanegi yo o goang a kopa thuso.” (Pes. 72:12) Fa re sa ntse re letile nako eo, re na le tshiamelo e e kgethegileng ya go gomotsa ba bangwe, go akaretsa le bahumanegi ka molaetsa wa Baebele wa tsholofelo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela