Ruta ba Bangwe go Rata Jehofa
1. Ke eng se se gogelang ba bangwe kwa go Jehofa?
1 A o gakologelwa lekgetlho la ntlha fa o ne o utlwa ka ga Jehofa? Ke eng se se neng sa go gogela kwa go ene? Batho ba le bantsi ba ba nang le dipelo tse di ikanyegang ba re ba ne ba gogelwa kwa Mmoping wa rona ke go itse ka dinonofo tsa gagwe tse di ka se bapisiweng le dipe, bogolo jang kutlwelobotlhoko ya gagwe le lorato.—1 Joh. 4:8.
2, 3. Re ka dirisa jang buka ya Baebele e Ruta Eng? go thusa diithuti tsa Baebele go oketsa lorato lo ba ratang Jehofa ka lone?
2 “Yono ke Modimo wa Rona”: Buka ya Baebele e Ruta Eng? e gatelela lorato lwa ga Jehofa mme e bontsha gore re tlhoka go nna le kamano e e gaufi le ene. Re ka dirisa jang buka eno go ruta ba bangwe gore ba oketse lorato lo ba ratang Modimo ka lone? Fa o ruta motho ntlha e ntšha o ka mmotsa dipotso tse di tla dirang gore a akanye tse di jaaka: “Boammaaruri jono bo senola eng ka Jehofa?” kgotsa “Ntlha eno e naya bosupi bofe jwa gore Jehofa ke Rre yo o molemo thata yo motho a ka batlang go nna le ene?” Go ruta ka tsela eno go ka thusa moithuti go nna le kamano e e tla nnelang ruri le Jehofa.
3 Fa re thusa diithuti tsa Baebele go anaanela tshiamelo e ba nang le yone ya go nna le kitso ka Modimo yo o osi yo o tshelang, ba tla dumalana le mafoko a ga Isaia a a reng: “Yono ke Modimo wa rona.” (Isa. 25:9) Fa re tlhalosa Lefoko la Modimo re tlhoka go gatelela kafa batho ba tla segofadiwang ka gone fa maikaelelo a ga Jehofa a diragadiwa ka bogosi jwa gagwe jo bo tla bong bo eteletswe pele ke Keresete Jesu.—Isa. 9:6, 7.
4, 5. Go rata Jehofa go kaya eng?
4 Se se Bontshang Gore Motho o Rata Jehofa: Re a itse gore go rata Jehofa ka pelo yotlhe le ka moya otlhe le ka mogopolo otlhe go akaretsa se se fetang fela go ikutlwa re rata Modimo. Re tshwanetse ra simolola go akanya ka tsela e a akanyang ka yone le go tswelela re dira jalo. (Pes. 97:10) Lorato lo re ratang Modimo ka lone lo tla bonala fa re ikobela ditaelo tsa gagwe mme re tswelela re nna le seabe mo go direng “[ditiro] tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo,” tota le fa re lebane le diteko le dikganetso.—2 Pet. 3:11; 2 Joh. 6.
5 Go a itumedisa go dira thato ya Modimo ka go bo re mo rata. (Pes. 40:8) Moithuti wa Baebele o tshwanetse go lemoga gore ditaelo tsotlhe tsa Modimo di diretswe gore di solegele batlhanka ba gagwe molemo ka bosakhutleng. (Dute. 10:12, 13) Motho a ka bontsha gore o anaanela ditiro tse di gakgamatsang tsa Jehofa ka go tshela tumalanong le kaelo ya gagwe. Thusa seithuti go tlhaloganya gore go tsamaya mo ditseleng tse di siameng tsa ga Jehofa go ka boloka motho mo botlhokong jo bontsi le mo mahutsaneng.
6. Motho a ka amogela masego afe ka ntlha ya go rata Jehofa?
6 Masego Mo go Ba ba Ratang Modimo: Jehofa o amega thata ka batho ba ba mo ratang, mme o ba senolela “dilo tse di boteng tsa Modimo.” (1 Bakor. 2:9, 10) Fa ba na le kitso e e ntseng jalo ka boikaelelo jwa Modimo, ba na le pono e e siameng ka isagwe le tsholofelo e e tlhomameng. (Jer. 29:11) Ba ba ratang Jehofa ba amogela bopelonomi jwa gagwe jo bogolo. (Ekes. 20:6) Ba ipelela tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng ka ntlha ya lorato lo logolo lo Modimo a ba ratang ka lone.—Joh. 3:16.
7. O ikutlwa jang ka go ruta ba bangwe go rata Jehofa?
7 Fa re nna le kitso e e oketsegileng ka Rrarona wa legodimo re tshwanela ke gore re e bolelele ba bangwe. (Math. 13:52) A bo e le tshiamelo e kgolo jang ne go ruta batho ba bangwe bogolo jang bana ba rona go rata Jehofa! (Dute. 6:5-7) E kete rona mmogo le diithuti tsa rona tsa Baebele re ka nna re ipela fa re ntse re itemogela ‘letlotlo la molemo’ wa ga Jehofa.—Pes. 145:7.