LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp20 no. 2 ts. 4-5
  • Goreng re Tlhoka Bogosi Jwa Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Goreng re Tlhoka Bogosi Jwa Modimo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • BATHO BA SIMOLOLA GO BUSA
  • KE NAKO YA GO TSAYA KGATO!
  • Bogosi Jwa Modimo—Puso e Ntšha ya Lefatshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Nako ya Gore Modimo a Letlelele Pogo e Tloga e Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Kganetsano E E Go Kopanyeletsang
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Tsela ya ga Jehofa ya go Busa e Tlotlomaditswe!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
wp20 no. 2 ts. 4-5
Adame le Efa ba lebile metsi a fologelela mo molapong kwa tshimong ya Edene.

Dibopiwa tsotlhe di ne di tshela ka kutlwano le ka kagiso fa di ne di busiwa ke Modimo

Goreng re Tlhoka Bogosi Jwa Modimo?

Fa batho ba ntlha ba sena go bopiwa, Mmopi wa rona, yo leina la gagwe e leng Jehofa, e ne e le ene fela yo o busang. O ne a busa batho ka tsela e e lorato. O ne a ba direla legae le lentle, e leng tshimo ya Edene, gore ba nne mo go yone e bile o ne a ba naya dijo tse dintsi tota. Mo godimo ga moo, o ne a ba naya tiro e e itumedisang. (Genesise 1:28, 29; 2:8, 15) Batho ba ne ba tla nna ba tshela ka kagiso fa ba ne ba ka itetla go tswelela ba busiwa ke Modimo.

Adame a tshwere leungo la setlhare se ba neng ba thibetswe go ja mo go sone.

Adame le Efa ba ile ba gana go busiwa ke Modimo

Baebele e tlhalosa gore moengele mongwe o ne a tlhanogela Modimo mme moragonyana o ne a bidiwa Satane Diabolo. Moengele yono o ne a re Modimo ga a tshwanelwe ke go busa. O ne a dira gore go akanngwe gore batho ba ka tshela monate fa ba sa busiwe ke Modimo. Se se botlhoko ke gore batsadi ba rona e bong Adame le Efa ba ile ba dumela maaka a ga Satane ba bo ba tlhanogela Modimo.​—Genesise 3:1-6; Tshenolo 12:9.

E re ka Adame le Efa ba ile ba gana go busiwa ke Modimo, ba ne ba latlhegelwa ke legae la bone la Paradaise le tsholofelo ya go tshelela ruri ba se na boleo. (Genesise 3:17-19) Gape tshwetso e ba e dirileng e ile ya ama le bana ba ba neng ba nna le bone moragonyana. Baebele e tlhalosa gore “boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng” ka gonne Adame a leofile le gore loso lo ne lwa nna gone ka ntlha ya boleo. (Baroma 5:12) Boleo bo ne jwa dira gore batho ba diragalelwe ke selo se sengwe gape se se utlwisang botlhoko: ‘Motho o ne a laola motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) Seno se raya gore fa batho ba sa ntse ba ipusa, go tla tswelela go na le mathata.

BATHO BA SIMOLOLA GO BUSA

Nimerode o eme ka tsela ya go ikgogomosa. Fa batho ba ntse ba aga ko morago ga gagwe.

Nimerode o ne a gana go busiwa ke Jehofa

Motho wa ntlha go busa yo Baebele e buang ka ene ke Nimerode. O ne a gana go busiwa ke Modimo e bile o ne a bontsha gore ga a batle gore Jehofa a buse batho. Fa e sa le go tloga ka nako eo, batho ba ba nang le taolo ba dirisa taolo ya bone go utlwisa ba bangwe botlhoko. Dingwaga di ka nna 3 000 tse di fetileng, Kgosi Solomone o ne a re: “Ke bone . . . dikeledi tsa ba ba gatelelwang, mme ba ne ba se na mogomotsi; mme mo letlhakoreng la bagateledi ba bone go ne go na le maatla.”​—Moreri 4:1.

Le gompieno dilo ga di ise di fetoge. Ka 2009, kgatiso nngwe ya United Nations e ne ya re “lebaka lengwe la go bo go na le mathata a le mantsi mo lefatsheng,” ke ka ntlha ya gore batho ba busa ka tsela e e sa siamang.

KE NAKO YA GO TSAYA KGATO!

Batho ba tlhoka babusi ba ba botoka le puso e e botoka. Mme seo ke sone se Mmopi wa rona a se solofeditseng!

Ditshwantsho: Dilo tse di bakilweng ke dipuso tsa batho. 1. Mosadi mongwe wa kwa Asia o ntse mo tseleng e e leswe a tshwere ngwana wa gagwe yo o lelang. 2. Monna yo o lwalang a robetse kwa bookelong. 3. Masole a thuntsha dibetsa tsa bone kwa ntweng. 4. Batho ba tenegile mo mogwantong e bile ba tshwere dipolakate. 5. Mosadi le ngwana wa gagwe ba eme kwa ntle ga ntlo ya bone, ba fitlhela galase e e mo kgorong ya bone e thubegile. 6. Toropo e tletse mosi.

Tota le dipuso tse go lebegang di na le maatla di paletswe ke go rarabolola mathata a batho

Modimo o tlhomile Bogosi kgotsa puso e e tla busang mo boemong jwa dipuso tsa batho, mme Bogosi joo “bo tla ema ka bosakhutleng.” (Daniele 2:44) Bogosi joo ke jo batho ba sa bolong go bo rapelela. (Mathaio 6:9, 10) Mme Modimo ga se ene yo o tla bong a busa. Go na le moo, o tlhomile mongwe yo o kileng a tshela mo lefatsheng gore a buse. Modimo o tlhopile mang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela