“Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
1. Buka ya “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo” e gatisitswe ka boikaelelo bofe?
1 A bo re lebeletse pele jang ne go ithuta buka e ntšha ya “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo” kwa Thutong ya Baebele ya Phuthego ka beke e e simololang ka February 23! Lekwalo le Setlhopha se se Laolang se le kwaletseng mongwe le mongwe yo o ratang Jehofa le konela ka mafoko ano: “Re solofela tota gore buka eno e tla go thusa gore o tswelele pele o dirisa boammaaruri mo botshelong jwa gago mme ka jalo o nnele ruri ‘mo loratong lwa modimo, . . . [o] solofetse botshelo jo bo sa khutleng.’—Jude 21.”
2. Buka eno e ntšha e tla re thusa mo dikarolong dife tsa botshelo?
2 Se re Ka se Lebelelang: Melaometheo ya Baebele e dira jang mo dikgannyeng tse di jaaka botsalano, boitlosobodudu, go tlotla taolo, ditlwaelo tsa botho, lenyalo, puo le dingwao? Digakolodi tsa rona di tla tlhotlhelediwa ke melao ya maemo a a kwa godimo ya tshiamo e e mo Lefokong la Modimo. (Pes. 19:7, 8) Fa re ntse re tlhaloganya botoka tsela e Jehofa a akanyang ka yone, go nna kutlo ga rona mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo go tla tlhotlhelediwa ke go bo re batla go mo itumedisa.—Dia. 27:11; 1 Joh. 5:3.
3. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dira gotlhe mo re ka go kgonang go nna le seabe mo thutong ya beke le beke?
3 Ikemisetse go Nna le Seabe: Fa o ntse o baakanyetsa, dira gore e nne mokgele wa gago go baka Modimo mo gare ga batho ba gagwe ba ba phuthegileng. (Baheb. 13:15) Phuthego yotlhe e tla ithuta kgatiso eno e ntšha mmogo. E re ka go tla bo go balwa karolo e nnye beke nngwe le nngwe go tla re thusa gore re baakanyetse sentle, mme go re neye bopelokgale jwa go bua ka se re se ithutileng. Dikakgelo tsa rona tse di baakanyeditsweng sentle, tse di khutshwane di tla tlhotlheletsa ba bangwe mo loratong le mo ditirong tse di molemo mme seno se tla thusa gore go nne le motlotlo o o matlhagatlhaga wa se se balwang. (Baheb. 10:24) Mme gape re tla itumela thata fa mongwe le mongwe a tlhalosa tumelo ya gagwe.
4. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re boloke ditaelo tsa ga Jehofa?
4 Mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo e le motho mo lefatsheng, Jesu o ne a amanya go boloka ditaelo tsa ga Jehofa le go nnela ruri mo loratong lwa Modimo. (Joh. 15:10) Ka thuso ya buka ya “Lorato Lwa Modimo” re tla ikemisetsa go feta le e leng pele go dirisa melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi le go ‘ipoloka mo loratong lwa Modimo.’—Jude 21.