Kafa Buka ya ‘Lorato Lwa Modimo’ e ka Dirisiwang ka Teng go Tshwara Dithuto Tsa Baebele
1. Boikaelelo jwa buka ya ‘Lorato Lwa Modimo’ ke eng?
1 A bo re ile ra itumela jang ne kwa Kopanong ya rona ya Kgaolo ya “Go Kaelwa ke Moya wa Modimo” fa re ne re amogela buka e ntšha ya setlhogo se se reng “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”! Jaaka re ile ra bolelelwa, kgatiso eno e diretswe go re thusa go itse le go rata melao ya ga Jehofa ya boitsholo mme ga se ya go ithuta dithuto tsa motheo tsa Baebele. Re ka se tsamaise buka eno ka ntlo le ntlo.
2. Kgatiso eno e tla dirisiwa jang mme e tla dirisiwa mo go bomang?
2 Buka eno e tla nna buka ya bobedi e e tla ithutiwang le baithuti ba Baebele fa ba sena go ithuta buka ya Baebele e Ruta Eng? Gakologelwa gore batho ba gatela pele semoyeng ka ditsela tse di farologaneng. Thuto nngwe le nngwe e tshwanetse go tshwarwa ka tsela e e tla tshwanelang moithuti. Tlhomamisa gore moithuti o tlhaloganya sentle tshedimosetso e e ithutiwang. Mo makgetlhong a mantsi, buka eno ga e a tshwanelwa go dirisediwa go simolola dithuto tsa Baebele le batho ba ba ka tswang ba setse ba ithutile dibuka di le mmalwa mo nakong e fetileng, mme ba sa nne teng kwa dipokanong tsa phuthego mme e le batho ba ba sa batleng go dumalanya matshelo a bone le boammaaruri jwa Baebele jo ba bo rutilweng.
3. Re tshwanetse go dira eng fa e le gore gone jaanong re tshwara thuto ka buka ya Obamela Modimo?
3 Fa e le gore gone jaanong lo ithuta buka ya Obamela Modimo mme lo mo dikgaolong tsa bofelo, o ka nna wa swetsa go fetsa kgatiso eno mme o bo o kgothaletsa moithuti gore a ipalele buka ya ‘Lorato Lwa Modimo’ ka boene. Fa lo sa dire jalo, go botoka gore lo simolole go bala buka e ntšha mme lo bo lo e simolola kwa tshimologong. Fela jaaka buka ya Baebele e Ruta Eng? go tswa mo go wena gore a o batla go sekaseka ditlhogo tse di mo ketapeleng.
4. Re tshwanetse go dira eng fa batho ba re ithutang le bone ba kolobediwa pele ga ba fetsa buka ya Baebele e Ruta Eng? le ya ‘Lorato Lwa Modimo’?
4 Fa moithuti a ka kolobediwa pele ga a fetsa dibuka tseno tse pedi, thuto e tshwanetse ya tswelela pele go fitlha buka ya ‘Lorato Lwa Modimo’ e wediwa. Le fa moithuti a ka tswa a kolobeditswe, o ka nna wa bega nako, loeto lwa go boela le thuto. Mmoledi yo o tsamayang le wena mme a nna le seabe mo thutong le ene a ka nna a bega nako.
5. Buka ya ‘Lorato Lwa Modimo’ e ka dirisiwa jang go thusa baboledi ba ba ileng ba se ka ba nna le seabe mo bodireding ka nako e telele?
5 Fa mongwe wa Komiti ya Tirelo ya Phuthego a go abela go tshwara thuto le mongwe yo o ileng a tsidifala mo tirong ya go rera, o ka nna wa kopiwa gore o sekaseke dikgaolo tse di kgethegileng mo bukeng ya ‘Lorato Lwa Modimo.’ Dithuto tse di ntseng jalo, ga di tlhoke go tshwarwa lobaka lo loleele. A bo buka eno, e e diretsweng go re thusa gore re nne re ‘ipoloke mo loratong lwa Modimo’ e le thuso e e molemo jang ne!—Jude 21.