LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/09 ts. 2-3
  • Go Lebana le Kgwetlho ya go Rerela Banna

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lebana le Kgwetlho ya go Rerela Banna
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go a Kgonega go Nna le Boitumelo mo Lelapeng le le Aroganeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • A o Ka Thusa Molekane Yo o Sa Dumeleng?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Boammaaruri ga bo Tlise “Kagiso” Mme bo Tlisa “Tšhaka”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Kaelo e e Mosola e e Newang Banyalani
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
km 8/09 ts. 2-3

Go Lebana le Kgwetlho ya go Rerela Banna

1. Ke tlhokego efe e e potlakileng e e leng teng malebana le go tlhokomela dilo tse di direlwang Bogosi?

1 E re ka tiro ya Bogosi e ntse e tswelela pele go oketsega mo metlheng eno ya bofelo, go na le tlhokego e e potlakileng ya banna ba ba tshwanelegang semoyeng ba ba ka etelelang pele. (Mar. 4:30-32; Dit. 20:28; 1 Tim. 3:1-13) Le fa go ntse jalo, mo mafelong mangwe palo ya banna ba ba amogelang molaetsa wa Bogosi e kwa tlase go na le ya basadi. Mo ditsong dingwe, banna ba tsaya gore ke boikarabelo jwa basadi ba bone go ruta bana ba bone ka bodumedi. Re ka kgothaletsa jang banna ba ba oketsegileng go kgatlhegela dilo tsa semoya le gore ba kopanele le rona mo kobamelong ya boammaaruri?

2. Maiteko a ga Paulo le Petere a go rerela banna a ne a nna le matswela a mantle jang?

2 Tlhomang Mogopolo mo go Rereleng Banna: Fa tlhogo ya lelapa e amogela boammaaruri, gantsi e tlhotlheletsa ba bangwe mo lelapeng la gagwe gore ba kopanele le ene mo kobamelong e e phepa. Ka sekai, fa Paulo le Silase ba ne ba le mo kgolegelong ka ntlha ya go rera, ba ne ba rerela modisa mongwe wa kgolegelo. Monna yoo le ba lelapa la gagwe lotlhe ba ne ba kolobediwa. (Dit. 16:25-34) Ka ntlha ya tiro ya go rera ya ga Paulo kwa Korintha, “Kiresepo motlhankedi yo o okametseng wa sinagoge [o ne] a nna modumedi mo Moreneng, le botlhe ba ntlo ya gagwe ba dira jalo.” (Dit. 18:8) Petere o ne a dirisiwa ke Jehofa go rerela Korenelio, yo e neng e le molaodi wa masole yo o tlhalosiwang fa e ne e le “monna yo o ineetseng le yo o boifang Modimo.” Korenelio le ba losika lwa gagwe le ditsala tsa gagwe tse di gaufi, ba ne ba kolobediwa.—Dit. 10:1-48.

3. Ka go etsa Filipo, o ka neela mang yo o mo “maemong a a kwa godimo” bosupi?

3 Go rerela banna “ba ba mo maemong a a kwa godimo” go ka nna le matswela a a molemo. (1 Tim. 2:1, 2) Ka sekai, moengele wa ga Jehofa o ne a bolelela Filipo go bua le “monna yo o nang le taolo” yo o neng a okametse letlotlo lotlhe la kgosigadi ya Baethiopia. Filipo o ne a utlwa monna yoo “a balela moporofeti Isaia kwa godimo” mme a mo tlhalosetsa dikgang tse di molemo ka ga Jesu. Moethiopia yono o ne a nna morutwa mme go ka direga gore o ne a anamisa dikgang tse di molemo fa a ne a boela kwa nagagaeng ya gagwe. A ka tswa a ile a bo a neela kgosigadi le ba lelapa la gagwe la segosi bosupi, batho ba ba ka bong ba ile ba se ka ba nna le ditshono tse dintsi tsa go utlwa dikgang tse di molemo.—Dit. 8:26-39.

4. Re ka dira jang gore banna ba nne le ditshono tse di oketsegileng tsa go utlwa dikgang tse di molemo?

4 Go Fitlhelela Banna ba ba Oketsegileng: E re ka gantsi banna ba le kwa ditirong tsa bone motshegare, a o ka rulaganya dilo tsa gago gore o dirise nako e e oketsegileng mo bodireding maitseboa, ka mafelobeke kgotsa ka malatsi a boikhutso? Go bereka tshimo ya mafelo a dikgwebo ka metlha go ka go naya ditshono tse di oketsegileng tsa go rerela banna ba gantsi ba seyong kwa gae. Gape bakaulengwe ba ka dira maiteko a a kgethegileng gore ba rerele banna ba ba berekang le bone. Mo bodireding jwa ntlo le ntlo, segolobogolo mo tshimong e e berekiwang thata, bakaulengwe ba ka nna gangwe le gape ba kopa go bua le rre wa ntlo.

5. Kgaitsadi a ka dira jang fa a kopana le motho yo o kgatlhegelang molaetsa wa Bogosi mme e le monna?

5 Kgaitsadi yo a kopanang le monna yo o tsibogelang boammaaruri sentle ga a tshwanela go boela kwa go ene a le nosi. A ka nna a tsamaya le monna wa gagwe kgotsa le mmoledi yo mongwe. Fa motho yo o kgatlhegang a ntse a gatela pele, gantsi go botoka gore a kope mokaulengwe yo o tshwanelegang go boela koo.

6. Re ka etsa jang moaposetoloi Paulo gore re tle re “gape bontsi jwa batho”?

6 Tlhopha Ditlhogo Tse di Kgatlhang Banna: Moaposetoloi Paulo o ne a akanya ka bareetsi ba gagwe mme a bo a fetofetola tsela e a tla buang le bone ka yone gore a tle a “gape bontsi jwa batho.” (1 Bakor. 9:19-23) Ka tsela e e tshwanang, re tshwanetse go akanya ka ditlhogo tse di tla kgatlhang banna ba re ka nnang ra kopana le bone mme re bo re ipaakanyetsa gore re di dirise. Ka sekai, gantsi banna ba tshwenyegile ka mathata a ikonomi, puso e e molemo le tshireletsego le pabalesego ya malapa a bone. Ba ka nna gape ba bo ba kgatlhegela go itse ka boikaelelo jwa botshelo, isagwe ya lefatshe le gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse go boga. Molaetsa wa rona wa Bogosi o tla amogelwa botoka fa re bontsha botlhale jo bo ntseng jalo fa re bua le bone.—Dia. 16:23.

7. Botlhe mo phuthegong ba ka nna le tlhotlheletso e e siameng jang mo banneng ba ba nyetseng ba ba sa dumeleng ba ba tlang dipokanong?

7 Dira Maiteko a go Thusa Banna ba ba Nyetseng Ba ba Sa Dumeleng: Le fa boitshwaro jo bontle jwa bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete gantsi e le jone jo bo tlhotlheletsang banna ba bone ba ba sa dumeleng, maloko a phuthego le one a ka nna le tlhotlheletso e e siameng. (1 Pet. 3:1-4) Fa molekane yo o sa dumeleng a tsamaya le mosadi wa gagwe go ya dipokanong, o tla neelwa bosupi jo bo nonofileng fa phuthego e mo amogela ka tsela e e lorato. Go nna gone ga gagwe go ka nna ga bo go supa gore o kgatlhegela boammaaruri ka tsela e e rileng mme a ka nna a dumela go amogela thuto ya Baebele.

8. Bakaulengwe ba ka leka jang go thusa banna ba ba nyetseng ba ba sa dumeleng ba ba ileng ba bontsha fa ba kgatlhegela boammaaruri go se kae?

8 Kafa letlhakoreng le lengwe, banna bangwe ba ba nyetseng ba ka nna ba bo ba sa kgatlhegele Baebele thata mo tshimologong mme gongwe kgabagare ba tla dumela go tlotla ka Baebele le mokaulengwe mongwe yo ba ikutlwang ba gololesegile le ene. Bakaulengwe mo phuthegong nngwe ba ne ba dira maiteko a a kgethegileng gore gangwe le gape fa ba etetse lelapa le le kgaoganeng ka bodumedi ba tlotle le monna ka dilo tse ba itseng gore o a di kgatlhegela. Seno kgabagare se ne sa dira gore go nne le metlotlo ya dilo tsa semoya mme gone jaanong o kolobeditswe. Mo lekgetlong le lengwe, mokaulengwe mongwe o ne a thusa monna mongwe yo o nyetseng yo o sa dumeleng go aga legora go dikologa ntlo ya gagwe. Go bontsha go mo kgatlhegela ka namana ka tsela eno go dirile gore go simololwe thuto ya Baebele. (Bagal. 6:10; Bafil. 2:4) Fa e le gore o mokaulengwe wa Mokeresete, ke eng o sa leke go fitlhelela pelo ya mongwe wa banna bano ba ba nyetseng ba ba sa dumeleng?

9. Go thapisiwa ga banna ba Bakeresete go ka nna le matswela afe?

9 Go ba Thapisetsa Isagwe: Banna ba ba amogelang molaetsa wa Bogosi mme ba kgaratlhelela go nna le ditshiamelo mo tirelong ya ga Jehofa e ka nna bangwe ba “dimpho [tse e leng] banna,” bagolwane ba Bakeresete ba ba dirisang bokgoni jwa bone le dinonofo tsa bone go thusa mo diphuthegong tsa batho ba ga Jehofa. (Baef. 4:8; Pes. 68:18) Banna ba ba ntseng jalo ba disa phuthego ka go rata le ka tlhagafalo. (1 Pet. 5:2, 3) A bo ba le tshegofatso jang ne mo bakaulengweng botlhe!

10. Maiteko a ga Ananiase a go thusa Paulo a ne a solegela batho ba le bantsi molemo jang?

10 Ka sekai, Saulo o ne a nna “moaposetoloi mo ditšhabeng,” le fa gone a kile a bo a le mmogisi wa Bakeresete. (Bar. 11:13) Mo tshimologong morutwa Ananiase o ne a okaoka go rerela Saulo ka ntlha ya seno. Le fa go ntse jalo, Ananiase o ne a latela kaelo ya Morena mme a bua le monna yo e neng e tla nna moaposetoloi Paulo. Mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng, bodiredi jwa ga Paulo bo ne jwa solegela molemo batho ba ba diketekete ba ba neng ba mo utlwa a rera mmogo le dimilione tsa ba ba ntseng ba solegelwa molemo ke makwalo a gagwe a a tlhotlheleditsweng a a kwadilweng mo Lefokong la Modimo.—Dit. 9:3-19; 2 Tim. 3:16, 17.

11. Ke eng fa re tshwanetse go dira diphetogo le fa e le dife tse di tlhokegang gore re tle re rerele banna?

11 Ka jalo, e kete re ka dira diphetogo le fa e le dife tse di tlhokegang gore re tle re kgone go lebana le dikgwetlho tsa go rerela banna. Fa re leka go fitlhelela mokgele ono, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla segofatsa maiteko a rona a a tlhoafetseng a go dira go rata ga gagwe le go dira dilo tse di direlwang Bogosi ka botlalo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela