A ke Tshwanelegela go Rera?
1. Ke eng fa re sa tshwanela go ikutlwa re sa tshwanelegele go rera?
1 Fa e le gore o iphitlhela o ipotsa potso eo, o se ka wa tshwenyega! Ga re tlhoke go nna le thuto nngwe e e rileng kgotsa bokgoni bongwe jo bo kgethegileng gore re tshwanelegele go nna baboledi. Barutwa bangwe ba bogologolo ba ne ba tlhalosiwa e le “ba ba sa rutegang e bile e le batho fela.” Le fa go ntse jalo, e ne e le bareri ba ba nang le matswela ba dikgang tse di molemo, ka gonne ba ne ba ikemiseditse go latela sekao sa ga Jesu.—Dit. 4:13; 1 Pet. 2:21.
2. Ke dilo dingwe dife tse di neng di bonala fa Jesu a ne a ruta?
2 Kafa Jesu a Neng a Ruta ka Teng: O ne a ruta ka tsela e e motlhofo, e e utlwalang le e e tlhaloganngwang motlhofo. Dipotso, ditshwantsho le matseno a gagwe tse di neng di sa raraana di ne di ngoka kgatlhego ya bareetsi ba gagwe. (Math. 6:26) O ne a kgatlhegela batho tota. (Math. 14:14) Mo godimo ga moo, Jesu o ne a bua a tlhatswegile pelo e bile a na le taolo, ka gonne o ne a itse gore Jehofa o ne a mo romile e bile a mo file nonofo ya gore a diragatse kabelo ya gagwe.—Luke 4:18.
3. Jehofa o re thusa jang gore re diragatse bodiredi jwa rona?
3 Jehofa O a Re Thusa: Ka Lefoko le ka phuthego ya gagwe, Motlhatlheledi wa rona yo Mogolo o re naya thapiso e re e tlhokang go rera dikgang tse di molemo ka katlego. (Isa. 54:13) E re ka Jehofa a bolokile pego ya kafa Jesu a neng a ruta ka teng, re kgona go sekaseka le go etsa mekgwa ya gagwe. Jehofa o re naya moya wa gagwe o o boitshepo le go re thapisa ka dipokano tsa phuthego. (Joh. 14:26) Mo godimo ga moo, o re naya baboledi ba ba nang le maitemogelo ba ba ka re thusang gore re nne le matswela.
4. Ke ka ntlha yang fa re na le mabaka a a utlwalang a go ikutlwa re tshwanelega go rerela ba bangwe dikgang tse di molemo?
4 Re na le mabaka a a utlwalang a go ikutlwa re tshwanelegela go rera, e re ka “go tshwanelega sentle ga rona go tswa mo Modimong.” (2 Bakor. 3:5) E re ka re ikaega ka Jehofa mme ka metlha re dirisa dilo tse a re nayang tsone ka lorato, re tla ‘tshwanelega ka botlalo, re tlhomeletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.’—2 Tim. 3:17.