Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo September 1
“Ka dinako dingwe batho ba dira dilo tse di bosula ka ntlha ya tlhoafalo e e sa siamang ya bodumedi. O akanya gore ke eng se se dirang gore ba tsietsege jalo? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko se Baebele e se kgothaletsang. [Bala 1 Johane 4:1.] Setlhogo seno se tlhalosa lebaka la go bo go le botlhokwa go bapisa se re se dumelang le se Lefoko la Modimo le se bolelang.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebe 10.
Tsogang! September
Bala Mathaio 5:39. Mme o bo o re: “A o akanya gore Jesu o ne a raya gore re tshwanetse go didimala fela fa re direlwa bosula? [Mo letle gore a arabe.] Setlhogo seno se bontsha se Baebele e se bolelang ka go iphemela le ka go batla tshireletso ya semolao.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebe 10.
Tora ya Tebelo October 1
“Batho ba ditumelo tse di farologaneng go ralala lefatshe ba a rapela. A tota o akanya gore Modimo o reetsa le go araba dithapelo? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e re kgothaletsa go rapela. [Bala Bafilipi 4:6, 7.] Makasine ono o neela dikarabo tse di tswang mo Baebeleng tsa dipotso di le supa tse gantsi di bodiwang malebana le thapelo.”
Tsogang! October
“Gantsi re a tle re utlwe ka batho ba ba tsieditsweng ke balekane ba bone ba lenyalo, batho ba dipolotiki le ba bangwe. A o akanya gore go ntse go nna boima le go feta go bona batho ba ba ikanyegang? [Mo letle gore a arabe.] Batho ba le bantsi ba akanya gore temana eno e a diragadiwa. [Bala 2 Timotheo 3:1-5.] Makasine ono o tlhalosa gore ke kae kwa re sa ntseng re ka bona batho ba ba ikanyegang gone.”