LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/10 ts. 1
  • “O se Ka wa Boifa”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “O se Ka wa Boifa”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Bua Lefoko La Modimo Ka Bopelokgale”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Lorato lo re Thusa Jang go Fenya Poifo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Jehofa o Tla go Nonotsha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Etsa Jesu—Rera ka Bopelokgale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
km 10/10 ts. 1

“O se Ka wa Boifa”

1. Ke dikgwetlho dife tse di tshwanang le tsa ga Jeremia tse re ka lebanang le tsone?

1 Fa Jeremia a ne a newa kabelo ya go nna moporofeti, o ne a ikutlwa a sa tshwanelege. Mme Jehofa o ne a mo tlhomamisetsa jaana, “o se ka wa boifa,” mme ka lorato a mo nonotsha gore a diragatse kabelo ya gagwe. (Jer. 1:6-10) Le mo motlheng wa rona, go nna ditlhong kgotsa go inyatsa go ka ama tsela e re nnang le seabe ka yone mo bodireding. Go boifa gore batho ba tla reng kgotsa ba tla re leba jang ka dinako tse dingwe go ka dira gore re se ka ra neela bosupi. Re ka fenya jang poifo e e ntseng jalo mme ke masego afe a re ka nnang le one?

2. Go baakanyetsa go ka re thusa jang go fokotsa dipoifo tse re nang le tsone ka bodiredi?

2 Baakanyetsa Go sa Le Gale: Go baakanyetsa sentle go ka re thusa go fokotsa dipoifo tse re nang le tsone. Ka sekai, fa re sekaseka e sa le gale kafa batho ba ka kgoreletsang motlotlo ka gone, re tla nna re ipaakanyeditse go araba dilo tse gantsi ba di ganetsang. (Dia. 15:28) Ke eng fa lo sa ikatise ka nako ya Kobamelo ya Lelapa go baakanyetsa dikgwetlho tse di farologaneng tse lo ka lebanang le tsone kwa sekolong le kwa bodireding?—1 Pet. 3:15.

3. Go ikanya Jehofa go re thusa jang go fenya poifo?

3 Ikanye Jehofa: Go ikanya Modimo go tla re thusa go fenya poifo e re nang le yone. Jehofa o re tlhomamiseditse gore o tla re thusa. (Isa. 41:10-13) Eno ke tshireletso e e gaisang e re nang le yone. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a re tlhomamisetsa gore le fa re ka lebana le maemo a a sa lebelelwang, moya wa Modimo o o boitshepo o tla re thusa go rera dikgang tse di molemo ka tsela e e siameng. (Mar. 13:11) Ka jalo, kopa Jehofa ka metlha gore a go neye moya wa gagwe o o boitshepo.—Luke 11:13.

4. Re nna le masego afe fa re itshoka mo bodireding le fa re lebana le dikgwetlho?

4 Masego: Fa re ntse re itshokile mo bodireding le fa re lebana le dikgwetlho, re nonotshiwa gore re kgone go atlega fa re lebana le diteko mo nakong e e tlang. Re nna sebete e bile re nna pelokgale—e leng dinonofo tse batho ba ba nang le moya o o boitshepo ba nnang le tsone. (Dit. 4:31) Mo godimo ga moo, fa re fenya dipoifo tse re nang le tsone ka thuso ya ga Jehofa, re nonotsha tumelo ya rona mme gape seo se dira gore re ikanye letsogo la gagwe le le bolokang. (Isa. 33:2) Gape re nna le boitumelo le kgotsofalo ka ntlha ya go itse gore re itumedisa Rraarona yo o kwa legodimong. (1 Pet. 4:13, 14) Ka jalo, a re se ka ra boifa go bolela molaetsa wa Bogosi ka bopelokgale, re tlhomamisega gore ka metlha Jehofa o tla re thusa!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela