LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/11 ts. 3-6
  • Go Thusa Malapa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Thusa Malapa
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kobamelo ya Lelapa—A o Ka Dira Gore e Itumedise?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Malapa a Bakeresete—“Nnang lo Iketleeditse”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Ithuteng Lefoko la Modimo ka Metlha lo le Lelapa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Malapa, Bakang Modimo lo le Karolo ya Phuthego ya Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
km 1/11 ts. 3-6

Go Thusa Malapa

1. Sabata ya beke le beke e ne e solegela Baiseraele molemo jang?

1 Go boloka Sabata e ne e le thulaganyo e e lorato e e tswang kwa go Jehofa e e neng e solegela malapa molemo. Baiseraele ba ne ba ikhutsa mo ditirong tsa bone tsa ka metlha mme ba ne ba nna le nako ya go akanya ka bomolemo jwa ga Jehofa le ka kamano ya bone le ene. Batsadi ba ne ba dirisa tshono eno go jalela Molao mo dipelong tsa bana ba bone. (Dute. 6:6, 7) Sabata e ne e naya batho ba ga Jehofa nako ya go tlhoma mogopolo mo kobamelong ya bone beke nngwe le nngwe.

2. Sabata e re ruta eng ka Jehofa?

2 Gone ke boammaaruri gore Jehofa ga a tlhole a batla gore malapa a boloke Sabata. Le fa go ntse jalo, molao oo o re ruta sengwe ka Modimo. Ga a bolo go amega thata ka gore batho ba gagwe ba solegelwe molemo ke go nna le kamano e e molemo le ene. (Isa. 48:17, 18) Gompieno, tsela nngwe e Jehofa a bontshang gore o amega ka tsela e e lorato jalo ka rona ke ka go dira thulaganyo ya maitseboa a Kobamelo ya Lelapa.

3. Boikaelelo jwa maitseboa a Kobamelo ya Lelapa ke eng?

3 Boikaelelo Jwa Maitseboa a Kobamelo ya Lelapa ke Eng? Ka January 2009, Thuto ya Buka ya Phuthego e ile ya simolola go tshwarwa ka maitseboa a le mangwe le Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le Pokano ya Tirelo. Lebaka lengwe la go bo go ile ga nna le phetogo eno, e ne e le go naya malapa tshono ya go nonotsha bomoya jwa bone ka go rulaganya gore go nne le maitseboa mangwe beke le beke a kobamelo ya lelapa. Lelapa lengwe le lengwe le ile la kgothalediwa gore fa go kgonega, le dire gore thuto ya lone ya lelapa e nne ka letsatsi le pele e neng e le la thuto ya buka mme le dirise nako eo go nna le motlotlo wa Baebele o o sa dirweng ka lepotlapotla.

4. A lelapa le tshwanetse go dira gore motlotlo wa lone e nne wa ura fela? Tlhalosa.

4 Gore re nne gone kwa Thutong ya Buka ya Phuthego, re ne re tlhoka nako ya go apara, ya go tsaya loeto, jalo le jalo. Mo go ba le bantsi ba rona, go nna gone kwa pokanong eno ya ura e le nngwe go ne go re tsaya nako e e fetang e re e fetsang re le mo pokanong eno. Mme e re ka go dirilwe phetogo eno mo thulaganyong ya dipokano tsa rona, re kgona go dirisa maitseboa ano go obamela Jehofa re le lelapa. Ka jalo, ga re tlhoke gore re dire gore nako ya maitseboa a rona a Kobamelo ya Lelapa e nne ura e le nngwe fela. Go na le moo, re tshwanetse go akanyetsa dilo tse lelapa la rona le di tlhokang le dilo tse le tlhaelang mo go tsone mme re bo re swetsa gore re tla dirisa nako e e kana kang go fitlhelela boikaelelo jwa Kobamelo ya Lelapa.

5. A lo tshwanetse lwa dirisa nako yotlhe lo tlotla lo le mmogo? Tlhalosa.

5 A Nako Yotlhe e Tshwanetse ya Dirisediwa go Tlotla Mmogo? Fa banyalani le malapa a a nang le bana ba tlotla ka ditlhogo tsa Dikwalo mmogo, ba a kgothatsana. (Bar. 1:12) Lelapa le a atamalana. Ka jalo, motlotlo wa Dikwalo o tshwanetse go nna karolo e e botlhokwa ya maitseboa a Kobamelo ya Lelapa. Le fa go ntse jalo, leloko lengwe le lengwe la lelapa le lone le ka fetsa nako le ithuta le le nosi. Ka sekai, morago ga motlotlo wa lelapa, lelapa le ka nna mmogo fa mongwe le mongwe a tswelela a ithuta a le nosi, gongwe a feleletsa go baakanyetsa dipokano kgotsa go bala dimakasine. Malapa mangwe a tlhopha go tima thelebishine bosigo jotlhe.

6. Motlotlo o ka tshwarwa jang?

6 Motlotlo o ka Tshwarwa Jang? Ga go tlhokege gore ka metlha motlotlo e nne wa dipotso le dikarabo. Gore maitseboa a Kobamelo ya Lelapa a nne le botshelo e bile e le a a kgatlhang, malapa a le mantsi a nna le thulaganyo e e tshwanang le ya dipokano tsa rona tsa mo gare ga beke. Ba kgaoganya motlotlo wa bone ka dikarolo di le mmalwa mme ba bo ba di tshwara ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, ba ka nna ba bala Baebele mmogo, ba baakanyetsa karolo nngwe ya dipokano mme ba bo ba ikatisetsa bodiredi. Tsebe 6 e na le dikakantsho dingwe.

7. Batsadi ba tshwanetse go leka gore go nne le boemo jo bo ntseng jang?

7 Batsadi ba Tshwanetse go Leka Gore Boemo bo Nne Jang? Lelapa la gago le tla kgona go ithuta sentle fa boemo mo lelapeng e le jo bo lorato e bile e le jo bo ritibetseng. Ka dinako tse dingwe lo ka nna lwa ithuta kwa ntle fa maemo a bosa a siame. Gololesegang go nna le nako ya go ikhutsa go sekaenyana fa go tlhokega. Malapa mangwe a dira gore go nne le dijo tse di motlhofo morago ga thulaganyo. Le fa batsadi ba ka se dirise maitseboa a Kobamelo ya Lelapa go omanya le go kgalemela bana ba bone, ba ka nna ba tlhoka go dirisa nako e nngwe ba bua ka mokgwa kgotsa bothata bongwe jo bo rileng jo ba bo lemogileng. Le fa go ntse jalo, go ka nna molemo gore ba dirise nako e nngwe mo bekeng go tlotla kwa thoko ka dikgang tse di masisi tse di amang ngwana wa bone go tila go mo tlhabisa ditlhong fa pele ga bana ba bangwe. Maitseboa a Kobamelo ya Lelapa ga a tshwanela go nna a a lapisang pelo mme a tshwanetse go dira gore re itumele fela jaaka Modimo yo o itumetseng yo re mo obamelang.—1 Tim. 1:11.

8, 9. Ditlhogo tsa malapa di tlhoka go baakanyetsa jang?

8 Tlhogo ya Lelapa e ka Baakanyetsa Jang? Lelapa le tla solegelwa molemo thata fa tlhogo ya lelapa e baakanyetsa maitseboa mangwe le mangwe a Kobamelo ya Lelapa e sale gale, a dira jalo ka go swetsa gore go tla tlotliwa ka eng le gore ke tsela efe e e molemo ya go dira jalo. (Dia. 21:5) Go ka nna molemo fa monna a ka buisana le mosadi wa gagwe ka kgang eno. (Dia. 15:22) Ditlhogo tsa malapa, ke eng fa ka dinako tse dingwe lo sa botse bana gore ba akantsha eng? Fa lo dira jalo, lo tla lemoga dilo tse di botlhokwa tse ba di kgatlhegelang le tse ba tshwenyegileng ka tsone.

9 Mo dibekeng di le dintsi, tlhogo ya lelapa ga e tlhoke go dirisa nako e ntsi e baakanyetsa. Go ka direga gore lelapa le tla itumela fa go dirwa dikarolo dingwe tse ba tlwaetseng go di dira beke le beke mme tlhogo ya lelapa e ka se tlhoke go dira thulaganyo e ntšha ka metlha. A ka fitlhela go thusa go baakanyetsa morago ga thuto nngwe le nngwe fa a sa ntse a gakologelwa dilo tsa semoya tse lelapa la gagwe le di tlhokang. Ditlhogo dingwe tsa malapa di kwala thulaganyo e e khutshwane ya dilo tse di tla dirwang mme morago ga foo, ba bo ba e baya mo lelapa le ka kgonang go e bona motlhofo gone, jaaka go e kgomaretsa mo setsidifatsing. Seno se tla tsosa kgatlhego le go dira gore lelapa le lebelele pele nako ya Kobamelo ya Lelapa e bile go tla ba naya nako ya go baakanyetsa fa ba tlhoka go dira jalo.

10. Batho ba ba nnang ba le nosi ba ka dirisa jang maitseboa a bone a Kobamelo ya Lelapa?

10 Go Tweng Fa e Le Gore ke Nosi? Batho ba ba nnang ba le nosi ba ka dirisa maitseboa a Kobamelo ya Lelapa go ithuta ba le nosi. Thulaganyo ya go ithuta o le nosi e tshwanetse go akaretsa mmalo wa Baebele, go baakanyetsa dipokano le go bala makasine wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang! Baboledi ba bangwe ba oketsa seno ka go itirela porojeke ya go ithuta. Ka dinako tse dingwe, ba ka nna ba batla go laletsa mmoledi kgotsa lelapa lengwe gore ba nne le motlotlo o o agang wa Dikwalo.

11, 12. Melemo mengwe ya go nna le maitseboa a Kobamelo ya Lelapa ka metlha ke efe?

11 Melemo ya go Nna le Maitseboa a Kobamelo ya Lelapa ka Metlha ke Efe? Batho ba ba nnang le seabe ka pelo yotlhe mo kobamelong ya boammaaruri ba atamalana le Jehofa. Mo godimo ga moo, fa lelapa le obamela mmogo, kamano ya bone e a nonofa. Banyalani bangwe ba ne ba kwala jaana malebana le masego a ba nnileng le one: “E re ka re le babulatsela ba ba se nang bana, ka metlha re lebelela pele nako ya maitseboa a Kobamelo ya Lelapa. Re ikutlwa re atamalane e bile re atamalana le Rraarona yo o kwa legodimong. Mme fa re tsoga ka letsatsi le re le rulaganyeditseng go ithuta mmogo ka lone, re gakololana jaana: ‘A o gakologelwa gore gompieno ke letsatsi la eng? Ke maitseboa a Kobamelo ya Lelapa!’”

12 Thulaganyo ya go nna le maitseboa a kobamelo ya lelapa gape e thusa malapa a a nnang a tshwaregile. Mmè mongwe yo o sa nyalwang yo o godisang bomorwawe ba babedi a le nosi e bile e le mmulatsela wa ka metlha o ne a kwala jaana: “Mo nakong e e fetileng, re ne re sa tshware thuto ya lelapa sentle. Re ne re sa nne le yone ka metlha ka gonne ke ne ke nna ke lapile. Ke ne ke sa itse gore nka e akaretsa jang mo thulaganyong ya me. Ka jalo, ke lo kwalela go lo leboga thata ka thulaganyo ya maitseboa a Kobamelo ya Lelapa. Re ntse re kgona go tshwara thuto ya lelapa ka metlha mme go re solegela molemo.”

13. Gore lelapa la gago le tla solegelwa molemo go le kana kang mo thulaganyong eno, go ikaegile ka eng?

13 Fela jaaka Sabata, maitseboa a Kobamelo ya Lelapa ke mpho e e thusang malapa, e e tswang kwa go Rraarona yo o kwa legodimong. (Jak. 1:17) Gore malapa a Baiseraele a ne a tla solegelwa molemo go le kana kang go ne go ikaegile ka gore a ne a dirisa jang Sabata. Ka tsela e e tshwanang, gore malapa a rona a tla solegelwa molemo go le kana kang, go ikaegile ka gore re dirisa jang maitseboa ano. (2 Bakor. 9:6; Bagal. 6:7, 8; Bakol. 3:23, 24) Fa lelapa la gago le dirisa thulaganyo eno sentle, le ka kgona go bua mafoko ano a a tshwanang le a mopesalema: “Mme fa e le nna, go atamela Modimo go molemo mo go nna. Ke beile botshabelo jwa me mo go Morena Molaodimogolo Jehofa.”—Pes. 73:28.

[Blurb on page 5]

Maitseboa a Kobamelo ya Lelapa ga a tshwanela go nna a a lapisang pelo mme a tshwanetse go dira gore re itumele fela jaaka Modimo yo o itumetseng yo re mo obamelang

[Box on page 6]

E BOLOKE

Dikakantsho Dingwe Tsa Maitseboa a Kobamelo ya Lelapa

Baebele:

• Balang karolo ya mmalo wa Baebele wa beke le beke mmogo. Dipego dingwe tsa Baebele di kwadilwe ka tsela ya gore motho yo mongwe a bale mafoko a a anelang kgang mme ba bangwe ba bale mafoko a batho ba ba farologaneng.

• Dirang motshameko wa karolo ya mmalo wa Baebele.

• Abela leloko lengwe le lengwe la lelapa e sale gale gore le bale dikgaolo dingwe tsa Baebele le gore le kwale potso e le nngwe kgotsa di le pedi tse le nang le tsone malebana le se le se badileng. Go tswa foo, dirang dipatlisiso tsa dipotso tsa mongwe le mongwe mmogo.

• Beke le beke, dira karata e o kwalang temana ya Baebele mo go yone mme o leke go e tshwara ka tlhogo le go e tlhalosa. Kgobokanya dikarata tseo mme o di boeletse beke le beke go bona gore o gakologelwa ditemana di le kae.

• Reetsa mmalo wa Baebele o o rekotilweng o ntse o tsamaisana le one mo Baebeleng ya gago.

Dipokano:

• Baakanyetsang karolo nngwe ya dipokano mmogo.

• Ikatisetseng dipina tsa Bogosi tse di tlileng go opelwa mo bekeng e e latelang.

• Fa mongwe a na le puo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo kgotsa pontsho mo Pokanong ya Tirelo, tlotlang ka dikakantsho tse a ka di dirisang kgotsa a boeletse se a se baakanyeditseng fa pele ga ba lelapa.

Ditlhokego Tsa Lelapa:

• Tlotlang ka tshedimosetso e e tswang mo bukeng ya Basha ba Botsa Jaana kgotsa ya Ithute mo Morutising yo Mogolo.

• Nnang le nako ya go ikatisa e ka yone go bontshiwang kafa go ka lebanwang le boemo bongwe jo bo ka tlhagang kwa sekolong.

• Nnang le nako e lo ikatisang ka yone, e batsadi e nnang bana mme bana e nna batsadi. Bana ba dira dipatlisiso ka kgang nngwe mme ba bo ba bontshana mabaka le batsadi.

Bodiredi:

• Nnang le nako e lo ikatisang ka yone ya go baakanyetsa dipuisano tse lo tla di dirisang ka mafelobeke.

• Tlotlang ka mekgele e lelapa le ka ipeelang yone e e ka fitlhelelwang ya gore le oketse seabe sa lone mo bodireding ka paka ya Segopotso le ka nako ya malatsi a boikhutso.

• Naya leloko lengwe le lengwe la lelapa metsotso e se kae go dira dipatlisiso go araba dipotso tse di farologaneng tse di ka bodiwang mo bodireding mme go tswa foo, lo bo lo ikatisetsa kafa lo ka dirang seno ka gone.

Dikakantsho Tse Dingwe:

• Balang setlhogo sengwe mo dimakasineng tsa bosheng mmogo.

• Kopa leloko lengwe le lengwe la lelapa gore le bale setlhogo sengwe se se mo kgatlhang mo dimakasineng tsa bosheng mme mongwe le mongwe a bo a tlhalosa se a se badileng.

• Ka dinako dingwe, lo ka laletsa mmoledi mongwe kgotsa banyalani bangwe gore ba kopanele le lona mo maitseboeng a lona a Kobamelo ya Lelapa mme gongwe lo bo lo ba botsolotsa.

• Lebelelang nngwe ya dibidio tsa rona lo bo lo tlotla ka yone.

• Tlotlang mmogo ka ditlhogo tsa “Basha ba Botsa Jaana” kgotsa “Motlotlo wa Lelapa” tse di tlhagang mo makasineng wa Tsogang!

• Tlotlang mmogo ka ditlhogo tsa “Ruta Bana ba Gago” kgotsa “Tsa Basha” tse di tlhagang mo makasineng wa Tora ya Tebelo.

• Balang lo bo lo tlotle ka karolo nngwe ya Yearbook ya bosheng kgotsa kgatiso nngwe e e golotsweng kwa kopanong ya kgaolo e e fetileng.

• Fa lo tswa kwa kopanong ya kgaolo kgotsa kwa dikopanong tse dinnye, tlotlang ka dintlhakgolo tsa tsone.

• Elang tlhoko nngwe ya dilo tse Jehofa a di bopileng mme lo bo lo tlotla ka gore e lo ruta eng ka Jehofa.

• Dirang porojeke nngwe mmogo, e e jaaka sekaelo sengwe, mmapa kgotsa tšhate.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela