Temana ya Letsatsi ga e Tlhole e Sekasekiwa mo Pokanong ya Tirelo ya Tshimo
Mo nakong e e fetileng, dipokano tsa tirelo ya tshimo di ka tswa di ne di akaretsa motlotlo o mokhutshwane wa temana ya letsatsi fa e le gore e amana le bodiredi. Thulaganyo eno e fetotswe. Bukana ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe, ga e a tshwanela go tlhola e dirisiwa go tshwara motlotlo ka nako ya dipokano tsa tirelo. Fela jaaka mo nakong e e fetileng, ba ba tshwarang pokano eno ba ka nna ba dirisa Baebele, Tirelo ya Rona ya Bogosi, buka ya Sekolo sa Bodiredi, buka ya Go Fetolana le dikgatiso tse dingwe tse di nang le tshedimosetso e e amanang le bodiredi. Ba ba abetsweng go tshwara dipokano tseno ba tshwanetse go baakanyetsa go tlotla ka sengwe se se ka kgonang go dirisiwa ke ba ba yang bodireding ka letsatsi leo. Fela jaaka mo nakong e e fetileng, pokano eno ga ya tshwanela go feta metsotso e le 10 go ya go 15 mme e tshwanetse go nna khutshwane le go feta fa e le gore e tshwarwa morago ga pokano ya phuthego.