LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/11 ts. 2
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba Thuse go ‘Tsepama mo Tumelong’
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Thusa Batho ba o Ithutang le Bone Gore ba Kolobediwe—Karolo ya Bobedi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Thusa Batho ba o Ithutang le Bone Gore ba Kolobediwe—Karolo ya Ntlha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Phuthego e ka Thusa Jang Moithuti wa Baebele Gore a Kolobediwe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
km 4/11 ts. 2

Lebokoso la Dipotso

◼ Re tshwanetse go tsaya nako e kae re ithuta le moithuti wa Baebele yo o gatelang pele?

Go molemo gore re tswelele re ithuta le moithuti wa Baebele yo o gatelang pele go fitlha a fetsa go ithuta dikgatiso tse pedi—Totatota Baebele e Ruta Eng? le “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo.” Re tshwanetse go dira jalo tota le fa moithuti a ka kolobediwa pele ga a fetsa dibuka tse pedi tseo. Morago ga gore a kolobediwe, re ka nna ra tswelela re bega nako, maeto a go boela le thuto. Fa mmoledi mongwe a tsamaya le rona mme a nna le seabe mo thutong, le ene a ka nna a bega nako eo.—Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya March 2009, tsebe 2.

Go botlhokwa gore batho ba ba sa tswang go kopanela ba nne le motheo o o molemo mo boammaaruring pele fa re ka emisa go ithuta le bone. Ba tlhoka go ‘nama medi’ mo go Keresete le go “tsepamisiwa mo tumelong” gore ba kgone go emelana le diteko tse ba tla lebanang le tsone. (Bakol. 2:6, 7; 2 Tim. 3:12; 1 Pet. 5:8, 9) Mo godimo ga moo, gore ba kgone go ruta batho ba bangwe ka tsela e e nang le matswela, ba tshwanetse go nna le ‘kitso e e leng yone ya boammaaruri.’ (1 Tim. 2:4) Fa re fetsa go bala dibuka tse pedi le baithuti ba rona, re tla ba thusa gore ba kgone go tsena ka “kgoro e e isang botshelong.”—Math. 7:14.

Pele ga bagolwane ba ka letlelela motho gore a kolobediwe, ba tshwanetse go tlhomamisa gore o tlhaloganya dithuto tsa motheo tsa Baebele sentle le gore o tshela go dumalana le tsone. Bagolwane ba tshwanetse go nna kelotlhoko segolobogolo fa ba sekaseka moithuti yo a iseng a fetse buka ya ntlha e e ithutiwang. Fa motho a ise a siamele gore a ka kolobediwa, bagolwane ba tla tlhomamisa gore motho yono o bona thuso e e tlhokegang gore a tshwanelegele go ka kolobediwa mo nakong e e tlang.—Bona buka ya Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa, tsebe 216-218.

[Blurb on page 2]

Go botlhokwa gore batho ba ba sa tswang go kopanela ba nne le motheo o o molemo mo boammaaruring

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela