Re Tshwanetse go Nna Pelotelele mo Bodireding Jwa Rona
1. Jehofa o bontshitse bopelotelele jwa gagwe jang mo bathong?
1 Modimo o itsiwe ka go dirisana le batho ka bopelotelele. (Ekes. 34:6; Pes. 106:41-45; 2 Pet. 3:9) Sekai se se di gaisang tsotlhe sa bopelotelele jwa gagwe jo bo lorato se bonwa mo tirong ya go rera ka Bogosi e e dirwang mo lefatsheng lotlhe. Jehofa ga a bolo go dirisana le batho mo e ka nnang ka dingwaga di le 2 000, le fa go ntse jalo, o sa ntse a tswelela go gogela batho ba ba dipelo di ikanyegang mo go ene. (Joh. 6:44) Re ka etsa bopelotelele jwa ga Jehofa jang mo bodireding jwa rona?
2. Re ka bontsha bopelotelele jang fa re bereka mo tshimong ya rona?
2 Bodiredi Jwa Ntlo le Ntlo: Re etsa bopelotelele jwa ga Jehofa ka go rera re “sa kgaotse” mo tshimong e batho ba iseng ba bontshe kgatlhego go tla go fitlha jaanong. (Dit. 5:42) Ka bopelotelele re itshokela batho ba ba sa bontsheng kgatlhego, ba ba re sotlang le ba ba ganetsang bodiredi jwa rona. (Mar. 13:12, 13) Gape re bontsha bopelotelele ka go tswelela re dira maiteko a go nosetsa dipeo tsa boammaaruri le fa go le thata go fitlhela batho ba ba kgatlhegang kwa magaeng a bone.
3. Ke eng fa re tshwanetse go nna pelotelele fa re dira maeto a go boela le fa re tshwara dithuto tsa Baebele?
3 Dithuto Tsa Baebele: Go godisa semela go tlhoka bopelotelele. Re ka se tlhokomela mme re ka se se itlhaganedise gore se gole. (Jak. 5:7) Ka tsela e e tshwanang, go gola semoyeng go direga ka iketlo, kgato ka kgato. (Mar. 4:28) Batho ba re ithutang le bone ba ka fitlhela go le thata gore ba latlhe ditumelo tsa bodumedi tsa maaka kgotsa dingwao tse di sa dumalaneng le Dikwalo. Ga re a tshwanela go itlhaganedisa kgolo ka go pateletsa batho ba re ithutang le bone gore ba dire diphetogo. Re tlhoka go nna pelotelele gore re letle nako e e lekaneng gore moya wa Modimo o dire mo pelong ya motho yo re ithutang le ene.—1 Bakor. 3:6, 7.
4. Bopelotelele bo ka re thusa jang gore re atlege go rerela ba masika a rona ba ba sa dumeleng?
4 Ba Losika Ba ba Sa Dumeleng: Le fa re eletsa thata gore ba masika a rona ba ba sa dumeleng ba ithute boammaaruri, re bontsha bopelotelele ka go emela nako e e siameng ya go ba bolelela ka tumelo ya rona mme re le kelotlhoko gore re se ka ra ba hupetsa ka tshedimosetso e e ntsi thata. (Mor. 3:1, 7) Fa re ntse re letile seo, re letla gore sekao sa rona se ba bontshe gore re batho ba ba ntseng jang mme re nna re iketleeleditse go ba tlhalosetsa tumelo ya rona ka bonolo le ka tlotlo e e boteng. (1 Pet. 3:1, 15) Ee ruri, fa re bontsha bopelotelele mo bodireding, re tla nna le matswela a a oketsegileng e bile re tla itumedisa Rraarona yo o kwa legodimong.