‘A Thato ya Modimo e Diragale’
1. Setlhogo sa thulaganyo ya kopano ya rona e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ya ngwaga wa tirelo wa 2012, se a reng mme ke eng fa go le botlhokwa gore re sekaseke setlhogo seno?
1 Re bopilwe ka ntlha ya thato ya ga Jehofa. (Tshen. 4:11) Ka jalo, re ka se kgone go diragatsa boikaelelo jwa go bo re bopilwe fa re sa ithute ka Modimo le go dira thato ya gagwe. Seno ga se motlhofo jaaka go lebega go ntse, ka gonne re tshwanetse go lwantsha mokgwa o re tshotsweng re na le one wa go dira “dilo tse di ratwang ke nama le dikakanyo” kgotsa go dira “thato ya ditšhaba.” (Baef. 2:3; 1 Pet. 4:3; 2 Pet. 2:10) Fa Modimo a sa re thuse, re ka nna ra ba ra wela mo kotsing ya go ‘tshwarwa re tshela ke Diabolo a re tshwarela thato ya ene yoo.’ (2 Tim. 2:26) Thulaganyo ya kopano ya rona e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ya ngwaga wa tirelo wa 2012 e tla thusa mongwe le mongwe wa rona gore a dire go dumalana le kopo ya boraro ya botlhokwa mo thapelong ya sekao, e e reng, “a thato ya gago e diragale.”—Math. 6:9, 10.
2. Go tla arabiwa dipotso dife ka nako ya thulaganyo?
2 Dipotso Tse di Tla Arabiwang: Fa o ntse o reeditse thulaganyo, batla dikarabo tsa dipotso tseno tse di latelang: Ke eng gape se se botlhokwa se re tshwanetseng go se dira kwantle ga go utlwa Lefoko la Modimo? Re ka dira jang gore re tswelele re tlhaloganya se thato ya Modimo e leng sone ka rona? Ke eng fa re tshwanetse go iketleeletsa go thusa batho ba mefuta yotlhe? Re ka bona jang botshelo jo bo itumedisang le jo bo kgotsofatsang? Basha, lo tlhoka go tlhomamisetsa Jehofa eng? Re tla bona melemo efe fa re dira thato ya Modimo? Ke eng fa go potlakile gore re age le go kgothatsa batho ba bangwe?
3. Re ka solegelwa molemo jang ka botlalo ke thulaganyo eno ya semoya?
3 Tlhomamisa gore o nna teng le go reetsa thulaganyo ka kelotlhoko. Go ka direga gore mokaulengwe yo o tswang Bethele kgotsa molebedi wa potologo a nne teng e le sebui se se etileng. Pele ga thulaganyo kgotsa morago ga yone, ikutlwe o gololesegile go bua le ene le mosadi wa gagwe, fa e le gore o nyetse. Fa o boela kwa gae, o se ka wa nna “moutlwi yo o lebalang,” go na le moo, boeletsa thulaganyo le lelapa la gago mme lo tlotle ka kafa lo ka dirang go dumalana le thato ya Modimo ka botlalo ka teng.—Jak. 1:25.
4. Ke eng fa go le botlhokwa gore go dira thato ya Modimo e nne selo se se tlang pele mo botshelong jwa rona?
4 Go ise go ye kae, batho ba ba gagamalelang dikeletso tsa bone e bile ba gana go dira thato ya ga Jehofa ba tla senngwa. (1 Joh. 2:17) Ka jalo, re leboga Jehofa go bo a re baakanyeditse tshedimosetso eno e e mo nakong e e tla re thusang gore go dira thato ya gagwe go tle pele mo botshelong jwa rona!