Jehofa o re Thapisetsa Tiro Eno
1. Fa Jehofa a naya batho tiro e e rileng, o dira eng gape?
1 Fa Jehofa a naya batho tiro e e rileng, gape o ba naya thuso e ba e tlhokang gore ba kgone go e dira. Ka sekai, fa Jehofa a ne a bolelela Noa gore a age araka, sengwe se Noa a neng a ise a ko a se dire, o ne a mmolelela gore a e age jang. (Gen. 6:14-16) Fa modisa yo o bonolo e bong Moshe a ne a abetswe go ya go bua le banna ba bagolwane ba Iseraele le Faro, Jehofa o ne a mo tlhomamisetsa jaana: “Ke tla nna le molomo wa gago e bile ke tla go ruta se o tshwanetseng go se bua.” (Ekes. 4:12) Fa go tliwa mo tirong ya rona ya go rera dikgang tse di molemo, le mo go yone Jehofa o re neile ditaelo tsa gore re e dire jang. O dirisa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le Pokano ya Tirelo go re thapisetsa tiro eno. Re ka solegelwa molemo jang ke thapiso eno?
2. Re ka solegelwa molemo jang ke Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo?
2 Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo: Bala o bo o ithute tshedimosetso e e tla ithutiwang pele o ya kwa pokanong nngwe le nngwe. Go tswa foo, fa o ntse o bona kafa baithuti ba dirisang tshedimosetso eo ka teng mo dipuong tsa bone, o tla tokafatsa tsela e o rutang ka yone. (Dia. 27:17) Tsamaya ka buka ya gago ya Sekolo sa Bodiredi kwa dipokanong mme o e dirise jaaka buka e o kwalang dintlha mo go yone. Fa molebedi wa sekolo a lebisa bareetsi mo go yone morago ga puo ya moithuti mongwe le mongwe, thalela dintlha tsa konokono tse o batlang go di dirisa mme o kwale dintlha mo diphatlheng tse di mo matlhakoreng a ditsebe. Le fa go ntse jalo, tsela e e molemolemo ya go solegelwa molemo ke sekolo seno ke go nna le seabe mo go sone. A o ikwadisitse mo go sone? Fa o newa kabelo ya puo, e baakanyetse sentle mme o dirise kgakololo e o e newang. Fa o le mo bodireding, dirisa dintlha tse o di ithutileng.
3. Ke eng se se tla re thusang go solegelwa molemo ke Pokano ya Tirelo?
3 Pokano ya Tirelo: Re tla gakologelwa botoka dikakantsho tse di neelwang mo pokanong eno fa re bala tshedimosetso go sa le gale le go baakanyetsa gore re tle re akgele. Fa dikakgelo tsa rona di le dikhutshwane, batho ba le bantsi ba tla kgona go akgela. Reetsa le go leba ka kelotlhoko fa go dirwa dipontsho mme o dirise dikakantsho dipe fela tse o akanyang gore di tla go thusa gore bodiredi jwa gago bo nne le matswela le go feta. Fa go na le ditlhogo tse di tswang mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi tse di ka go thusang mo bodireding jwa gago, boloka ditlhogo tseo gore o di dirise mo nakong e e tlang.
4. Ke eng fa re tshwanetse go dirisa sentle thapiso ya puso ya Modimo e re e newang?
4 Fela jaaka dikabelo tse di ileng tsa newa Noa le Moshe, tiro e re e neilweng ya go rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni ke kgwetlho. (Math. 24:14) Re ka atlega fa re ikaega ka Jehofa, yo e leng Motlhatlheledi wa rona yo Mogolo, le go dirisa thapiso e a re e nayang.—Isa. 30:20.