LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/12 ts. 2
  • Sireletsa Mogopolo wa Gago

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sireletsa Mogopolo wa Gago
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kopano ya Potologo e e Tla re Thusang go Sireletsa Bomoya Jwa Rona
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Sireletsa Segakolodi sa Gago
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Thulaganyo e e Diretsweng Badiredi ba Bakeresete
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
km 8/12 ts. 2

Sireletsa Mogopolo wa Gago

1. Setlhogo sa kopano ya potologo sa ngwaga wa tirelo wa 2013 sa reng, mme boikaelelo jwa thulaganyo ke bofe?

1 Jesu o ne a laela baaposetoloi ba gagwe gore ba rata Jehofa ka pelo yotlhe, moya le mogopolo. (Math. 22:37, 38) Dikopano tsa monongwaga di diretswe go re thusa gore re nonotshe motho yo re leng ene kafa teng. Lo tla gopola gore kopano ya rona ya kgaolo ya 2012 e na le setlhogo se se reng “Sireletsa Pelo ya Gago!” Thulaganyo ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le lengwe e na le setlhogo se se reng “Sireletsa Segakolodi sa Gago.” Metseletsele ya dikopano tsa potologo e e simololang kgwedi e e tlang e tla bo e na le setlhogo se se reng “Sireletsa Mogopolo wa Gago,” se se theilweng mo go Mathaio 22:37. Thulaganyo eno e diretswe go thusa mongwe le mongwe wa rona go sekaseka dikakanyo tsa gagwe ka boikaelelo jwa go dira gore di itumedise Jehofa le go feta.

2. Re tshwanetse go batla dikarabo tsa dipotso dife ka nako ya thulaganyo?

2 Se go Tla Buiwang ka Sone: Fa re reetsa kopano ya potologo, re tshwanetse go batla dikarabo tsa dipotso tseno, tse e leng dintlhakgolo:

• Re ka tila jang go akanya ‘dikgopolo tsa batho’?

• Re ka thusa jang go sirolola sesiro se se foufatsang megopolo ya batho ba ba sa dumeleng?

• Re batla go nna le boikutlo bofe jwa mogopolo?

• Melemo ya go tlhatlhanya go go siameng ke efe?

• Re ka letla Jehofa jang go bopa tsela e re akanyang ka yone?

• Banna, basadi, batsadi le bana ba ka dira jang gore go nne le boitumelo mo lelapeng?

• Re ka ipaakanyetsa letsatsi la ga Jehofa jang?

• Go tlama megopolo ya rona re e tlamela tiro go kaya eng?

• Ke molemo ofe o o bonwang ke batho ba ba dirang se ba se ithutang?

3. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re nne gone mo malatsing ao a mabedi, re reetse ka kelotlhoko le go dirisa se re se ithutang?

3 Satane o boloditse ntwa kgatlhanong le megopolo ya rona e bile o batla go e senya. (2 Bakor. 11:3) Ka jalo, re tshwanetse go sireletsa megopolo ya rona le go laola dikakanyo tsa rona. Re tshwanetse go tswelela re bontsha gore re na le mogopolo wa ga Keresete le go lwa kgatlhanong le ditlhotlheletso tsa lefatshe leno le le senang molao. (1 Bakor. 2:16) Ka jalo, dira dithulaganyo tsa gore o nne gone kwa kopanong ya potologo ka malatsi ao ka bobedi. Reetsa ka kelotlhoko. Go dirisa tshedimosetso e e botlhokwa e e tla neelwang go tla re thusa go tlama megopolo ya rona re e tlamela tiro ya Bogosi ka tlhoafalo.—1 Pet. 1:13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela