Bona Molemo mo Tirong ya Gago ya Bonatla
1. Ke eng se se ka koafatsang tlhagafalo ya rona mo bodireding?
1 Motho o ne a bopetswe gore a “bone molemo ka ntlha ya tiro ya gagwe ya bonatla.” (Mor. 2:24) Le fa go ntse jalo, fa re sa bone matswela a a molemo mo bodireding jwa rona, go kgobega marapo go ka dira gore re se ka ra itumela ga bo ga koafatsa tlhagafalo ya rona. Ke eng se se ka re thusang gore re nne re na le boikutlo jo bo siameng?
2. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go lebelela dilo tse di ka kgonegang malebana le kafa batho ba arabelang ka gone mo bodireding?
2 Lebelela Dilo Tse di ka Kgonegang: Gakologelwa gore le fa e le batho ba le mmalwa fela ba ba neng ba amogela dithuto tsa ga Jesu, bodiredi jwa gagwe bo ne bo atlegile. (Joh. 17:4) Mo setshwantshong sa gagwe sa mojadi, Jesu o ne a bolelela pele gore kgabagare dipelo tsa ba le bantsi di ne di ka se amogele molaetsa wa Bogosi o o jaaka peo. (Math. 13:3-8, 18-22) Le fa go ntse jalo, maiteko a magolo a re a dirang a sa ntse a fitlhelela go le gontsi.
3. Re ka “ungwa maungo” jang tota le fa batho ba sa arabele sentle fa re rera?
3 Kafa re ka Ungwang Maungo a Mantsi ka Gone: Go ya ka setshwantsho sa ga Jesu, batho ba ba amogelang molaetsa ba tla “ungwa maungo.” (Math. 13:23) Fa letlhaka la korong le sena go tlhoga le bo le gola, maungo a le a tlhagisang ga se matlhaka a mannye a korong mme ke peo e ntšha. Ka jalo, maungo a Bakeresete ba ba atlegileng ba a tlhagisang, ga se ka metlha e leng barutwa ba basha mme ke go boaboelediwa ga tiro ya go jala peo e e oketsegileng ka go rera ka Bogosi. Seno se felela ka “molemo” o mogolo o o ka dirang gore re kgotsofale, go sa kgathalesege tsela e batho ba arabelang ka yone. Re nna le seabe mo go itshepiseng leina la ga Jehofa. (Isa. 43:10-12; Math. 6:9) Re itumelela tshiamelo ya go nna badirimmogo le Modimo. (1 Bakor. 3:9) E bile ‘leungo leo la dipounama’ le itumedisa Jehofa.—Baheb. 13:15, 16.
4. Ke matswela afe a bodiredi jwa rona bo ka nnang le one re sa itse?
4 Mo godimo ga moo, tiro ya rona ya bonatla e ka tswa e na le matswela a rona re sa a boneng. Go ka direga gore batho bangwe ba ba neng ba utlwa Jesu a rera, ga ba a ka ba nna barutwa ba gagwe ka yone nako eo mme ba ne ba nna barutwa a setse a weditse bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng. Ka tsela e e tshwanang, peo ya Bogosi e re e jalang e ka nna ya se ka ya gola mo pelong ya motho ka yone nako eo e bile a ka tla mo boammaaruring re sa itse ka gone. Ruri bodiredi jwa rona bo fitlhelela dilo di le dintsi tse di molemo. Ka jalo, e kete re ka ‘nna re ungwa maungo a mantsi’ mme re itshupe re le barutwa ba ga Jesu.—Joh. 15:8.