Dirisa Dibidio fa o Ruta
Fa Jehofa a ne a naya Aborahame le Jeremia tshedimosetso e e botlhokwa, ga a ka a ba bolelela fela gore ba dire eng mme gape o ne a ba bontsha. (Gen. 15:5; Jer. 18:1-6) Re ka thusa baithuti ba rona go tlhaloganya le go solegelwa molemo ke dithuto tsa Baebele ka go dirisa sentle didirisiwa tse ba di bonang, tse di jaaka dibidio tsa rona. Dikakantsho tse di latelang ke tsa gore re ka bontsha leng baithuti dingwe tsa dibidio tseno. Gakologelwa gore tseno ke dikakantsho fela, e re ka baithuti ba farologane.
Buka ya Baebele e Ruta Eng?
◻ Kgaolo 1: Morago ga serapa 17, lebang The Wonders of Creation Reveal God’s Glory
◻ Kgaolo 2: Kwa bofelong jwa yone, lebang The Bible—Mankind’s Oldest Modern Book
◻ Kgaolo 9: Morago ga serapa 14, lebang Jehovah’s Witnesses—Organized to Share the Good News
◻ Kgaolo 14: Kwa bofelong jwa yone, lebang The Bible—Its Power in Your Life
◻ Kgaolo 15: Morago ga serapa 10, lebang Our Whole Association of Brothers
Buka ya “Lorato Lwa Modimo”
◻ Kgaolo 3: Morago ga serapa 15, lebang Young People Ask—How Can I Make Real Friends?
◻ Kgaolo 4: Kwa bofelong jwa yone, lebang Respect Jehovah’s Authority
◻ Kgaolo 7: Morago ga serapa 12, lebang No Blood—Medicine Meets the Challenge
◻ Kgaolo 9: Morago ga serapa 6, lebang Warning Examples for Our Day
◻ Kgaolo 17: Kwa bofelong jwa yone, lebang ‘Tsamaya ka Tumelo, e Seng ka Pono’
A go na le dibidio tse dingwe tse di ka solegelang mongwe wa batho ba o ithutang le bone molemo? Ka sekai, batho ba ba lebaneng le kganetso ba ka kgothadiwa ke go leba bidio ya Faithful Under Trials—Jehovah’s Witnesses in the Soviet Union kgotsa ya Jehovah’s Witnesses Stand Firm Against Nazi Assault. Basha ba ka solegelwa molemo ke go leba bidio ya Pursue Goals That Honor God le ya Young People Ask—What Will I Do With My Life? Tshwaya mo bukeng ya gago ya Baebele e Ruta Eng? le ya “Lorato Lwa Modimo” go ikgopotsa gore o ka leba bidio leng le motho yo o ithutang Baebele le ene kgotsa o mo adime yone. Fa dibidio tse disha di ntse di gololwa, akanya kafa o ka di dirisang ka teng go fitlhelela dipelo tsa batho ba o ithutang Baebele le bone.—Luke 24:32.