Tsayang Baporofeti e le Sekao—Amose
1. Sekao sa ga Amose se ka re kgothatsa jang?
1 A o kile wa ikutlwa o sa tshwanelege go rera ka gonne o sa rutega e bile o le motho wa maemo a a kwa tlase? Fa go ntse jalo, o ka kgothadiwa ke sekao sa ga Amose. E ne e le motlhokomedi wa dinku e bile o ne a tle a thapiwe go dira mo tshimong ka dipaka tse di rileng, le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a mo naya maatla a go bolela molaetsa o o botlhokwa. (Amos. 1:1; 7:14, 15) Le gompieno Jehofa o dirisa batho ba ba ikokobeditseng le ba maemo a a kwa tlase. (1 Bakor. 1:27-29) Re ka ithuta eng gape mo go moporofeti Amose malebana le bodiredi jwa rona?
2. Ke eng fa re ka kgona go ema re nitame le fa re ganediwa mo bodireding?
2 Nna o Nitame Le fa O Ganediwa: Fa Amasia moperesiti yo o neng a obamela namane wa kwa bogosing jwa bokone jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele a utlwa boporofeti jwa ga Amose, o ne a araba jaaka e kete a re: ‘Tsamaya! Tloga fa! Re na le bodumedi jwa rona!’ (Amos. 7:12, 13) Ka nako ya fa Amasia a ne a kopa Kgosi Jeroboame gore a thibele tiro ya ga Amose o ne a sokamisa mafoko a moporofeti yono. (Amos. 7:7-11) Mme seo ga se a ka sa tshosa Amose. Gompieno baruti bangwe ba senka thuso ya ba dipolotiki fa ba bogisa batho ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, Jehofa o re tlhomamisetsa gore ga go na sebetsa sepe se se bopilweng kgatlhanong le rona se se tla atlegang.—Isa. 54:17.
3. Gompieno re bolela molaetsa ofe o o dikarolopedi?
3 Itsise Katlholo ya Modimo le Masego a mo Isagweng: Le fa Amose a ile a bolelela pele katlholo kgatlhanong le bogosi jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele, o ne a wetsa buka ya Baebele e e bidiwang ka leina la gagwe ka go kwala ka tsholofetso ya ga Jehofa ya gore o tla dira dilo sesha a bo a tlise masego a mantsintsi. (Amos. 9:13-15) Le rona re bua ka ‘letsatsi la katlholo’ la Modimo le le tlang mme kgang eno ke bontlhabongwe fela jwa ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi’ tse re tshwanetseng go di bolela. (2 Pet. 3:7; Math. 24:14) Fa Jehofa a sena go senya baikepi ka Haramagedona, lefatshe lotlhe e tla nna paradaise.—Pes. 37:34.
4. Ke eng se se re tlhomamisetsang gore re ka dira thato ya ga Jehofa?
4 Go rera molaetsa wa Bogosi mo lefatsheng le le nang le baganetsi ba le bantsi eleruri go leka boikemisetso jwa rona jwa go tshelela boineelo jwa rona le go dira thato ya ga Jehofa. (Joh. 15:19) Le fa go ntse jalo, re tlhomamisegile gore Jehofa o tla tswelela a re thusa gore re tshwanelegele go dira thato ya gagwe, fela jaaka a ile a thusa Amose.—2 Bakor. 3:5.