Lebokoso La Dipotso
◼ Bana ba tshwanetse go ithuta eng gore ba gole semoyeng?
Batsadi ba Bakeresete ba dira go le gontsi go godisetsa bana ba bone “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baef. 6:4) Ka sekai, batsadi ba lemogile gore go molemo go sekaseka temana ya letsatsi le bana ba bone moso mongwe le mongwe. Ka nako ya kobamelo ya lelapa kgotsa ka dinako tse dingwe, malapa a ka lebelela bidio nngwe mmogo a bo a tlotla ka yone, a ka tlotla ka tshedimosetso e e rileng go tswa mo ditlhogong tsa Basha ba Botsa Jaana, a tshameka terama ya pego nngwe ya Baebele kgotsa a nna le dinako tsa go ikatisa. Le fa go ntse jalo, e le gore bana ba ‘gagamalele kwa go goleng sentle,’ gape ba tshwanetse go rutiwa dithuto tse di boteng tsa boammaaruri jwa Baebele.—Baheb. 6:1.
Akanya ka se re se rutang batho ba re kopanang le bone mo tshimong ya rona. Fa re ba etela lekgetlo la ntlha kgotsa fa re boela kwa go bone, gantsi re leka go simolola thuto ya Baebele le bone re dirisa buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? Fa re fetsa go ithuta kgatiso eno le bone, re dirisa buka ya “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo.” Ka ntlha yang? Buka ya Baebele e Ruta Eng? e dira gore baithuti ba nne le kitso ya motheo ya Dikwalo. Buka ya ‘Lorato Lwa Modimo’ e ba ruta go dirisa melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa bone jwa letsatsi le letsatsi. Go ithuta dikgatiso tseno ka bobedi go thusa batho ba basha mo boammaaruring gore ba ‘name medi’ mo go Keresete ba bo ba ‘tsepamisiwe mo tumelong.’ (Bakol. 2:6, 7) A tshedimosetso eno e ka se thuse le bana ba rona? Le bone ba tlhoka go rutwa ka thekololo, Bogosi le boemo jwa baswi. Bana le bone ba tlhoka go itse gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela pogo le gore ba ka lemoga jang gore re tshela mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo. Ba tshwanetse go tlhatswega pelo gore Basupi ba ga Jehofa ba ruta boammaaruri. Bana le bone ba tlhoka go tlhaloganya melaometheo ya Baebele le kafa ba ka thapisang ka teng “bokgoni jwa bone jwa go lemoga.” (Baheb. 5:14) Gone ke boammaaruri gore batsadi ba tshwanetse ba akanyetsa dingwaga tsa bana ba bone le selekanyo se ba tlhaloganyang dilo ka sone. Le fa go ntse jalo, bana ba le bantsi ba kgona go simolola go ithuta boammaaruri jo bo boteng jwa Baebele tota le fa ba sa ntse ba le bannye.—Luke 2:42, 46, 47.
Go thusa batsadi, go tla nna le didirisiwa tse di thusang go ithuta tse di theilweng mo bukeng ya Baebele e Ruta Eng? mo jw.org. Malapa a ka di bona mo atereseng ya rona ya Internet ka go leba ka fa tlase ga DITHUTO TSA BAEBELE > BASHA. Mo isagweng go tla dirwa didirisiwa tse dingwe tse di thusang go ithuta tse di theilweng mo bukeng ya ‘Lorato Lwa Modimo.’ Mme gone dikhopi tse di gatisitsweng tsa dibuka tseno le tsone di ka dirisiwa. Batsadi ba tla tlhopha gore a ba tla dirisa dikgatiso tseno ka nako ya maitseboa a bone a Kobamelo ya Lelapa, fa ba tshwere thuto kwa thoko le mongwe wa bana ba bone kgotsa fa ba thapisa ngwana go ithuta a le esi.