LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/14 ts. 3
  • Tsayang Baporofeti e le Sekao—Sefania

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsayang Baporofeti e le Sekao—Sefania
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Buka ya Bibela ya bo 36—Sefania
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Batlang Jehofa Pele ga Letsatsi la Bogale Jwa Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Nnang lo Ntetetse”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • A Diatla Tsa Gago di se Repe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
km 7/14 ts. 3

Tsayang Baporofeti e le Sekao—Sefania

1. Sefania o ne a porofeta mo maemong a a ntseng jang, mme ke sekao se se molemo jang mo go rona?

1 E ne e le mo bogareng jwa lekgolo la bosupa la dingwaga B.C.E., mme bontsi bo ne bo obamela Baale kwa Juda. Kgosi Amone yo o bosula o ne a sa tswa go bolawa, mme jaanong go ne go busa Kgosi Josia yo mmotlana. (2 Ditir. 33:21–34:1) Ka nako eo, Jehofa o ne a laela Sefania gore a itsise molaetsa wa Gagwe wa katlholo. Le fa Sefania e ne e le leloko la ntlo ya segosi ya kwa Juda, o ne a bolela molaetsa wa ga Jehofa wa katlholo o o neng o ya kwa baeteledipeleng ba Juda jaaka o ntse. (Sefa. 1:1; 3:1-4) Ka tsela e e tshwanang, re leka ka natla go etsa bopelokgale jwa ga Sefania le go se letle ba losika go re kgoreletsa go obamela Jehofa. (Math. 10:34-37) Ke molaetsa ofe o Sefania a neng a o itsise, mme seo sa felela ka eng?

2. Re tshwanetse go dirang gore re bolokwe mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa?

2 Batlang Jehofa: Jehofa ke ene fela a ka bolokang batho mo letsatsing la bogale jwa gagwe. Ka jalo, Sefania o ne a rotloetsa batho ba kwa Juda gore ba dirise nako e e sa ntseng e le teng go batla Jehofa le go batla tshiamo le bopelonolo. (Sefa. 2:2, 3) Seno se boammaaruri le gompieno. Fela jaaka Sefania, re kgothaletsa ba bangwe go batla Jehofa, mme le rona re tshwanetse go tsaya kgato re ikemiseditse go sa ‘kate ka morago mo go saleng Jehofa morago.’ (Sefa. 1:6) Re batla Jehofa ka go ithuta Lefoko la gagwe ka kelotlhoko le go rapelela kaelo ya gagwe. Re batla tshiamo ka go nna phepa mo boitsholong. Re batla bopelonolo ka go lwela go nna boikokobetso le go tsibogela kaelo e re e newang ke phuthego ya ga Jehofa.

3. Ke eng fa re tshwanetse go tswelela re na le boikutlo jo bo siameng ka bodiredi?

3 Diphelelo Tse di Molemo: Molaetsa wa ga Sefania wa katlholo o ne wa tlhotlheletsa bangwe kwa Juda mme segolobogolo Josia yo mmotlana yo o neng a batla Jehofa e sa ntse e le mosimanyana. Moragonyana Josia o ne a etelela pele letsholo le legolo la go fedisa kobamelo ya medingwana mo nageng eo. (2 Ditir. 34:2-5) Le fa gompieno peo nngwe ya Bogosi e wela go bapa le tsela, mo matlapeng kgotsa mo mitlweng, e nngwe e wela mo mmung o o molemo e bo e ntsha maungo. (Math. 13:18-23) Re tlhomamisegile gore Jehofa o tla tswelela a segofatsa maiteko a re a dirang a go nna re tshwaregile ka go anamisa peo ya Bogosi.—Pes. 126:6.

4. Goreng re tshwanetse go nna re ‘lebeletse Jehofa’?

4 Batho bangwe kwa Juda ba ne ba akanya gore Jehofa o ne a ka se tseye kgato. Mme gone, Jehofa o ne a ba tlhomamisetsa gore letsatsi la gagwe le ne le le gaufi. (Sefa. 1:12, 14) Batho ba ba neng ba tshabela kwa go Jehofa ke bone fela ba neng tla ba bolokwa. (Sefa. 3:12, 17) Fa re ntse re ‘lebeletse Jehofa,’ a re itumeleleng go direla Modimo wa rona yo mogolo re le seoposengwe le baobamedi ka rona!—Sefa. 3:8, 9.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela