LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/14 ts. 2
  • Jehofa o Nteba Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o Nteba Jang?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dirisa Baebele Jaaka Seipone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Se Tlogele “Lorato Lo O Neng O na Le Lone Pele”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Dikgato di le Supa Tse di Thusang Motho Gore a Solegelwe Molemo ke go Bala Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Kafa o ka Bontshang Moya wa go Intsha Setlhabelo ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
km 7/14 ts. 2

Jehofa o Nteba Jang?

1. Baebele e tshwana le seipone ka tsela efe?

1 O iteba mo seiponeng ga kae? Bontsi jwa rona re iteba letsatsi le letsatsi ka gonne seo se re thusa go bona mo re tshwanetseng go baakanya teng. Baebele e tshwantshanngwa le seipone. Go bala Lefoko la Modimo go dira gore re bone se re leng sone mo teng, motho yo Jehofa a mmonang. (1 Sam. 16:7; Jak. 1:22-24) Lefoko la Modimo le kgona go “lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” (Baheb. 4:12) Go bala le go tlhatlhanya ka Baebele letsatsi le letsatsi go re thusa jang go bona mo re tlhokang go tokafatsa gone gore re atlege le go feta mo tirong ya go rera?—Pes. 1:1-3.

2. Baebele e ka re thusa jang gore re itlhatlhobe?

2 Dirisa Baebele Jaaka Seipone: Dipego tsa Baebele tse di buang ka batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa di re ruta ka dinonofo tse a di ratang. Ka sekai, Dafide o ne a bontsha gore o rata leina la Modimo. (1 Sam. 17:45, 46) Ka bopelokgale Isaia o ne a ithaopela go rera mo tshimong e e seng motlhofo. (Isa. 6:8, 9) Lorato lo Jesu a ratang Rraagwe yo o kwa legodimong ka lone lo ne lwa mo tlhotlheletsa go leba bodiredi e le jo bo lapolosang le jo bo kgotsofatsang go na le go nna mokgweleo. (Joh. 4:34) Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba rera ka tlhagafalo, ba ikaegile ka Jehofa e bile ba ikemiseditse go tswelela ba rera. (Dit. 5:41, 42; 2 Bakor. 4:1; 2 Tim. 4:17) Go tlhatlhanya ka dikai tseno go re thusa go iteba ka boikaelelo jwa go tokafatsa mo tirelong ya rona e e boitshepo.

3. Goreng re sa tshwanela go okaoka go dira diphetogo tse di tlhokegang?

3 Tsaya Kgato go Baakanya: Boammaaruri ke gore, ga go thuse sepe gore o itebe mo seiponeng o bo o sa baakanye mo go tlhokegang. Re ka kopa Jehofa gore a re thuse go bona mo re tlhokang go dira diphetogo gone le gore a re thuse go baakanya. (Pes. 139:23, 24; Luke 11:13) E re ka nako e e setseng e khutshwafetse e bile matshelo a batho a le mo kotsing, ga re a tshwanela go okaoka go dira diphetogo tse di tlhokegang.—1 Bakor. 7:29; 1 Tim. 4:16.

4. Go direga eng ka motho yo o tlhodumelang mo Lefokong la Modimo a bo a tsaya kgato go dumalana le se a se ithutang?

4 Motho yo o leng ene ka fa teng—yo Jehofa a kgonang go mmona—o botlhokwa thata go feta tsela e o lebegang ka yone ka fa ntle. (1 Pet. 3:3, 4) Go direga eng ka motho yo o tlhodumelang mo Lefokong la Modimo a bo a tsaya kgato go dumalana le se a se ithutang? Ga a ‘nna moutlwi yo o lebalang bobe, mme o nnile modiri wa tiro, mme o tla itumelela se a se dirang.’ (Jak. 1:25) Re tla nna badiredi ba ba itumetseng le ba ba atlegileng ka gonne re “bonatsa jaaka diipone kgalalelo ya ga Jehofa.”—2 Bakor. 3:18.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela