Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding —Go Kgatlhegela Batho
Lebaka La go Bo go Le Botlhokwa: Jesu o ne a tsaya mongwe le mongwe tsia e bile a kgatlhegela batho. Ka sekai, nako nngwe Jesu o ne a lemoga gore monna mongwe wa sefofu o ne a le ditlhong, ka jalo a mo fodisetsa kgakala le batho, kwa boidiidi bo neng bo ka se mmone. (Mar. 7:31-35) O ne a bontsha gore o akanyetsa barutwa ba gagwe ka go lemoga makoa a bone le go se ba imetse ka tshedimosetso e ntsi. (Joh. 16:12) Tota le fa Jesu a le kwa legodimong, o ntse a kgatlhegela batho. (2 Tim. 4:17) E re ka re le balatedi ba ga Keresete, re batla go mo etsa. (1 Pet. 2:21; 1 Joh. 3:16, 18) Mo godimo ga moo, re tla atlega mo bodireding fa re kgatlhegela mong wa ntlo le go ela tlhoko maemo a gagwe, dilo tse a di kgatlhegelang le tse a amegileng ka tsone. A ka reetsa fa a lemoga gore ga re a amega fela ka go mo naya molaetsa kgotsa dikgatiso; go na le moo re a mo kgatlhegela.
Leka Seno mo Kgweding Eno:
Ka nako ya kobamelo ya lelapa kgotsa fa lo le mo bodireding, ikatiseng kafa lo ka fetolang puisano ya lona ka gone gore lo tlotle ka se mong wa ntlo a se umakileng.
Mo dipokanong dingwe tsa tirelo ya tshimo, mokaulengwe yo o di tshwarang a ka tlotla kgotsa a bontsha ditsela tse re ka kgatlhegelang batho ka tsone.