Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 2015 se re Thusa go Tokafatsa Tsela e re Rutang ka Yone
1 Mopesalema Dafide o ne a kwala jaana: “A mafoko a molomo wa me le go tlhatlhanya ga pelo ya me di nne monate fa pele ga gago, wena Jehofa Lefika la me le Mogolodi wa me.” (Pes. 19:14) Le rona re batla gore mafoko a rona a itumedise Jehofa ka gonne re anaanela tshiamelo ya rona ya go bua boammaaruri mo phuthegong le mo bodireding. Nngwe ya dilo tse Jehofa a di dirisang go re thapisa gore re tshwanelege mo bodireding ke Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Thapiso eno e neelwa beke le beke mo diphuthegong di feta 111 000 mo lefatsheng lotlhe. E thusitse bakaulengwe le bokgaitsadi mo lefatsheng lotlhe ba ba godisitsweng ka ditsela tse di farologaneng gore ba tshwanelege go nna barutisi ba dikgang tse di molemo, ba nne le bokgoni jwa go tlhotlheletsa, jwa go akanyetsa maikutlo a ba bangwe le go nna bopelokgale fa ba ruta.—Dit. 19:8; Bakol. 4:6.
2 Thulaganyo ya sekolo sa 2015 e tla akaretsa dintlha tse di mo bukaneng ya Se se Mo Lefokong la Modimo le mo go “Lenaane la Mafoko a Baebele” le le mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Seesemane, mmogo le tshedimosetso e e mo go Insight on the Scriptures, Volume 1. Go dirilwe diphetogo mo nakong ya dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele le mo go Puo No. 1. Diphetogo tseno le ditaelo tsa kafa dipuo tsa sekolo di tla neelwang ka gone di tla sekasekiwa mo dirapeng tse di latelang.
3 Dintlhakgolo Tsa Mmalo wa Baebele: Bakaulengwe ba ba abetsweng puo eno ba tla dirisa metsotso e mebedi go tlotla ka ntlha e le nngwe ya Dikwalo e e kgatlhang le e e solegelang molemo go tswa mo mmalong wa Baebele wa beke le beke. Go baakanyetsa sentle go tla dira gore ba tlotle ka ntlha e e tla solegelang phuthego molemo mo nakong e ba e abetsweng. Go tswa foo, metsotso e merataro ya bofelo e tla beelwa bareetsi gore ba nne le seabe ka go neela dikakgelo tse dikhutshwane tse nngwe le nngwe ya tsone e tsayang metsotswana e le 30 kgotsa kwa tlase ka dintlha tse ba di ratileng mo mmalong wa Baebele wa beke le beke. Go baakanyetsa sentle le go sa buele ruri go tla re thusa go akgela ka ntlha ya botlhokwa mo metsotswaneng e le 30, mme go dira jalo go a re ithapisa. Gape go dira gore batho ba bantsi ba akgele ka se ba se ithutileng fa ba dira dipatlisiso.
4 Puo No. 1: Nako e e beetsweng mmalo wa Baebele e tla fokodiwa go nna metsotso e meraro kgotsa kwa tlase e bile go tla balwa ditemana di le mmalwa. Ba ba abelwang puo eno ba tshwanetse go e boaboeletsa ka makgetlo a le mmalwa ba balela kwa godimo ba le kelotlhoko gore ba bitsa mafoko sentle le gore ba bala ka thelelo gore ba fetise dikgopolo tse di utlwalang sentle. Batho botlhe ba ga Jehofa ba tshwanetse go kgaratlhela go bala sentle ka gonne go bala ke karolo ya botlhokwa mo kobamelong ya rona. Ruri re itumelela gore bana ba rona ba bantsi ba bala sentle! Batsadi ba tshwanetse go akgolelwa matsapa a ba a tsayang go thusa bana go bala sentle.
5 Puo No. 2: Puo eno e tla neelwa ke kgaitsadi ka metsotso e metlhano. O tshwanetse go dirisa setlhogo se a se abetsweng. Fa puo e theilwe mo bukaneng ya Se se Mo Lefokong la Modimo le mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha [nwt-E], dintlha tsa yone di tshwanetse go tshwanela maemo a tshimo ya phuthego ya lona. Fa puo e tsewa mo Insight on the Scriptures, Volume 1 mme e bua ka motho wa mo Baebeleng, moithuti o tshwanetse go ithuta tshedimosetso e e buang ka motho yoo wa mo Baebeleng, a tlhophe ditemana tse di tshwanelang tse a tla di dirisang a bo a bontshe se se ka ithutiwang mo sekaong seo. Go ka nna ga dirisiwa ditemana tse dingwe tse di amanang le setlhogo. Molebedi wa sekolo o tla mo abela mothusi a le mongwe.
6 Puo No. 3: Puo eno ya metsotso e metlhano e tla abelwa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi. Fa e abetswe kgaitsadi, e tshwanetse go neelwa jaaka go bontshitswe mo go Puo No. 2. Fa e abetswe mokaulengwe, dintlha tse di theilweng mo bukeng ya Insight di tshwanetse go neelwa go akantswe ka bareetsi. Moithuti o tshwanetse go dirisa setlhogo se a se abetsweng, a tlhophe ditemana tse di tshwanelang tse a tla di dirisang a bo a bontshe se se ka ithutiwang mo sekaong sa motho wa mo Baebeleng.
7 Karolo e Ntšha ya go Abela Bakaulengwe Puo No. 3: Fa mokaulengwe a abetswe puo e e theilweng mo bukaneng ya Se se Mo Lefokong la Modimo le mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha [nwt-E], o tshwanetse go e neela e le pontsho ya thuto ya lelapa kgotsa pontsho ya mo tirelong ya tshimo. Gantsi molebedi wa sekolo o tla mo abela mothusi le seting. Mothusi wa gagwe e tshwanetse go nna mongwe mo lelapeng la gagwe kgotsa mokaulengwe mongwe mo phuthegong. Go ka nna ga dirisiwa ditemana dingwe tse di tsamaisanang le setlhogo tse di gatelelang melaometheo ya Baebele. Gangwe le gape mogolwane a ka abelwa puo eno. Bagolwane ba ka itlhopela bathusi le seting. Ga go pelaelo gore phuthego e tla kgothadiwa ke go bona mogolwane a bontsha bokgoni bongwe jwa go ruta a na le leloko la lelapa la gagwe kgotsa mokaulengwe mongwe mo phuthegong.
Gatela pele ka go amogela kgakololo le go e dirisa
8 Kgakololo: Molebedi wa sekolo o tla dirisa metsotso e mebedi morago ga puo ya moithuti mongwe le mongwe go mo akgola mmogo le go mo naya kgakololo e e thusang e e theilweng mo bukeng ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Fa molebedi wa sekolo a rola moithuti yo o latelang, ga a kitla a itsise gore moithuti o berekela mo bokgoning bofe jwa go bua. Morago ga puo nngwe le nngwe, molebedi wa sekolo o tshwanetse go akgola moithuti, a itsise bokgoni jwa go bua jo moithuti a berekelang mo go jone a bo a tlhalose lebaka la go bo moithuti a dirile sentle mo ntlheng eo kgotsa a tlhalose gore ke ka ntlha yang fa go tla bo go le molemo gore moithuti a ele tlhoko ntlha eno mo isagweng.
9 Pampitshana ya moithuti ya kgakololo e ka bonwa mo go tsebe 79 go ya go 81 mo bukeng ya gagwe ya Sekolo sa Bodiredi. Fa moithuti a sena go neela puo, molebedi wa sekolo o tla kwala mo bukeng ya moithuti a bo a mmotsa kwa thoko gore a o dirile ikatiso ya thuto e a neng a e abetswe. Morago ga dipokano kgotsa ka nako e nngwe moithuti a ka akgolwa kgotsa a newa kgakololo e e mosola. Nako nngwe le nngwe fa moithuti a abetswe puo o tshwanetse go leba seno e le sengwe se se mo thusang go gatela pele.—1 Tim. 4:15.
10 Fa puo ya moithuti e ja nako, molebedi wa sekolo kgotsa mothusi wa gagwe o tshwanetse go mmontsha seo ka go letsa bele kgotsa go dira modumo o o tsibosang go bontsha ka botlhale gore nako ya gagwe e fedile. Moithuti o tshwanetse go feleletsa seele se a se buang a bo a tswa mo seraleng.—Bona buka ya Sekolo sa Bodiredi, ts. 282, ser. 4.
11 Botlhe ba ba tshwanelegang ba kgothalediwa go ikwadisa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. (Bona buka ya Sekolo sa Bodiredi, ts. 282, ser. 6.) Thuto e e neelwang mo sekolong seno e thusitse batho ba ga Jehofa go rera le go ruta dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka bopelokgale, ka seriti le ka lorato. Ga go pelaelo gore Jehofa o itumelela gore batho ba ba solegelwang molemo ke thuto eno ya puso ya Modimo ba mmake!—Pes. 148:12, 13; Isa. 50:4.