Etsa Tumelo ya Bone
1. Go simologa ka beke ya October 19, ke kgatiso efe e re tlileng go ithuta yone ka nako ya Thuto ya Baebele ya Phuthego?
1 Ka beke ya October 19, 2015, re tla simolola go dirisa buka ya Etsa Tumelo ya Bone ka nako ya Thuto ya Baebele ya Phuthego. Kgatiso eno e sekaseka dipego tsa banna le basadi ba le 14 ba go buiwang ka bone mo Baebeleng. Buka eno e kwadilwe ka tsela e e go thusang gore o ba bone e le batho ba mmatota ba ba ileng ba lebana le dikgwetlho fa ba ntse ba direla Jehofa. Gape e re thusa go bona se re ka ithutang sone mo go bone.—Baheb. 6:12.
2. Tlhalosa dilo dingwe tse di mo bukeng ya Etsa Tumelo ya Bone.
2 Se se mo bukeng eno: Buka eno e na le tatelano ya ditiragalo le dimmapa tse di go thusang go bona nako e motho yoo a neng a tshela ka yone le lefelo le a neng a nna kwa go lone. Kgaolo nngwe le nngwe e na le setlhogwana se se reng, “Dintlha Tse O ka Di Akanyetsang . . . ,” se se tla go thusang go akanya ka pego eo le kafa o ka dirisang ka gone se o se ithutileng mo go yone. Gape e na le ditshwantsho tsa mebalabala tse go ileng ga tsewa matsapa a a seng kana ka sepe go di batlisisa tse di tla re thusang go tlhaloganya dipego tseno.
3. Re ka dira eng gore buka eno e kgone go re thusa?
3 Se se Ka go Thusang: Lekwalo le le tswang kwa Setlhopheng se se Laolang le na le mafoko ano a a kgothatsang: “Dirisa leitlho la gago la mogopolo; nna karolo ya se se diregang. Leka go ikutlwa jaaka batho ba go buiwang ka bone ba ne ba ikutlwa, o bone se ba neng ba se bona. Bapisa tsela e ba ileng ba itshwara ka yone fa ba diragalelwa ke sengwe le tsela e wena o ka bong o itshwere ka yone.” Gone ke boammaaruri gore go dirisa leitlho la mogopolo ga go reye gore jaanong re fopholetse fela go na le moo, go raya go bona se pego eno e e tlhotlheleditsweng e se rutang le go leka go tlhaloganya tsela e batho ba go buiwang ka bone ba neng ba ikutlwa ka yone. Go dira jalo go tlhoka gore o iphe nako ya go akanya. (Neh. 8:8) Fa thuto e simolola mo bogareng jwa kgaolo, motshwari wa thuto o tla simolola ka go sobokanya dintlha tsa thuto ya dirapa tse di fetileng ka metsotswana e le 30 go ya go e le 60. Fa thuto e sa akaretse lebokose la, “Dintlha Tse O ka Di Akanyetsang . . . ,” kwa bofelong jwa thuto, motshwari a ka nna a botsa potso e le nngwe kgotsa di le pedi go boeletsa dintlha tsa thuto.
4. Ke eng fa re tshwanetse go ithuta buka ya Etsa Tumelo ya Bone?
4 Letsatsi le letsatsi tumelo ya rona e lekwa ka ditsela tse di farologaneng. Jehofa o re neile buka eno—le ditlhogo tse dingwe tse di mo makasineng wa Tora ya Tebelo tse di theilweng mo go yone—go re thusa gore re nne le tumelo e e nonofileng. (Jak. 1:17) A re e diriseng ka botlalo ka go ya dipokanong le ka go akgela ka mo re ka kgonang ka gone ka nako ya Thuto ya Baebele ya Phuthego!