LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/15 ts. 1
  • Tsayang Baporofeti e le Sekao—Habakuke

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsayang Baporofeti e le Sekao—Habakuke
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ikanye Jehofa Mme o Tshele!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Go Ipela mo Modimong wa Poloko ya Rona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Buka ya Bibela ya bo 35—Habakuke
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Baikepi ba Tla Aga ba le Gone Lobaka lo Lokae?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
km 12/15 ts. 1

Tsayang Baporofeti e le Sekao—Habakuke

1. Ke eng fa re kgona go tlhaloganya tsela e moporofeti Habakuke a neng a ikutlwa ka yone?

1 Tsela e lefatshe leno le ntseng le nna maswe le go feta ka yone e ka nna ya dira gore re ikutlwe jaaka Habakuke fa a ne a botsa Jehofa a re: “Ke ka ntlha yang fa o dira gore ke bone se se utlwisang botlhoko, mme o nnela go leba a e leng matshwenyego fela?” (Hab. 1:3; 2 Tim. 3:1, 13) Fa re tlhatlhanya ka molaetsa wa ga Habakuke le ka sekao sa gagwe sa go ikanyega, re ka kgona go nna re nitame fa re ntse re letetse letsatsi la fa Jehofa a tla go atlhola lefatshe leno.—2 Pet. 3:7.

2. Re ka bontsha jang gore re ikanya Modimo?

2 Nna o Ikanyega mo Modimong: Go na le gore Habakuke a nnele go akanya ka maemo a a bosula a nako ya gagwe, o ne a nna a nonofile mo tumelong e bile a tshwaregile ka tiro ya Modimo. (Hab. 2:1) Jehofa o ne a mo tlhomamisetsa gore lefoko la Gagwe le tla diragadiwa ka nako e e tshwanetseng le gore “mosiami ene, o tla nna a tshela ka boikanyegi jwa gagwe.” (Hab. 2:2-4) Mafoko ao a tshwanetse go re ama jang rona Bakeresete ba re tshelang mo metlheng eno ya bofelo? Selo sa botlhokwa ga se go itse gore bokhutlo bo tla tla leng go na le moo, ke go tlhomamisega gore bo tla tla. Tumelo e re thusa gore re nne re ntshitse matlho dinameng le go tshwarega mo tirong ya go rera.—Baheb. 10:38, 39.

3. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tswelela re itumelela go direla Jehofa?

3 Itumelele go Direla Jehofa: Tumelo ya rona e tlile go lekwa fa Gogo wa Magogo a re tlhasela. (Esek. 38:2, 10-12) Fa go nna le ntwa, botshelo bo nna thata, tota le mo go ba ba fentseng ntwa eo. Go ka nna le tlhaelo ya dijo, batho ba ka latlhegelwa ke dithoto tsa bone mme botshelo bo nne thata. Re tla dira eng fa go ka nna le maemo a a ntseng jalo? Habakuke o ne a lebeletse gore dilo tse di ntseng jalo di tlile go direga ke ka moo a neng a tswelela a itumelela go direla Jehofa. (Hab. 3:16-19) “Boipelo jwa ga Jehofa” bo tla re thusa gore re itshokele diteko tse di larileng kwa pele.—Neh. 8:10; Baheb. 12:2.

4. Ke eng se re ka itumelelang go se dira gone jaanong le mo nakong e e tlang?

4 Batho ba ba tla falolang fa Jehofa a tla go atlhola lefatshe leno, ba tla tswelela ba ntse ba rutiwa go tshela ka tsela e Modimo a e batlang. (Hab. 2:14) Ba ba tla tsosiwang le bone ba tla tlhoka go rutiwa ka Jehofa. Gone jaanong, a re diriseng tshono nngwe le nngwe go bua ka Jehofa le ka ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang!—Pes. 34:1; 71:17.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela