MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DIPESALEMA 34-37
Ikanye Jehofa Mme o Dire Molemo
“O se ka wa tswela ba ba dirang tshiamololo pelo”
O se ka wa letla katlego ya nakwana e baikepi ba nang le yone e go itaya tsebe mo go direleng Jehofa. Tlhoma mogopolo mo masegong a ga Jehofa le mo mekgeleng ya semoya
“Ikanye Jehofa mme o dire molemo”
Ikanye gore Jehofa o tla go tshegetsa mo mathateng le mo ditlhobaelong dipe fela. O tla go thusa gore o nne o ikanyega
Nna o tshwaregile ka tiro ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo
“Itumelele Jehofa thata”
Iphe nako ya go bala Lefoko la Modimo le go tlhatlhanya ka lone ka boikaelelo jwa go itse Jehofa botoka
“Pitikela tsela ya gago mo go Jehofa”
Ikanye gore Jehofa o tla go thusa ka mathata ape fela
Tswelela ka go itshwara sentle fa o ganediwa, o bogisiwa kgotsa o latofadiwa
“Didimala fa pele ga ga Jehofa mme o mo lete ka tlhologelelo”
Tila ditiro tsa go nna mafega tse di ka go amogang boitumelo le tshireletsego ya semoya
“Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe”
Lwela go nna pelonolo mme o letele Jehofa ka boikobo gore a fedise tshiamololo e o lebaneng le yone
Ema badumedimmogo nokeng mme o gomotse ba ba ngomogileng dipelo ka tsholofetso ya Modimo ya lefatshe le lesha, le re tlogang re nna mo go lone
Puso ya Bomesia e tla tlisa masego a a seng kana ka sepe