Mmè le ngwana ba rerelwa kwa West Bengal kwa India
Dipuisano Tse Re ka Di Dirisang
TORA YA TEBELO
Potso: Rotlhe re tlhoka go gomodiwa ka dinako dingwe. Mme gone re ka bona kgomotso kae?
Temana: 2Bak 1:3, 4
Fa o mo naya kgatiso: Makasine ono wa Tora ya Tebelo o bua ka tsela e Modimo a re gomotsang ka yone.
TORA YA TEBELO (tsebe ya bofelo)
Potso: Batho bangwe ba re Bogosi Jwa Modimo bo mo pelong ya motho; ba bangwe ba akanya gore batho ke bone ba tla tlisang kagiso le kutlwano mo lefatsheng lotlhe. Wena o akanya eng?
Temana: Dan 2:44
Fa o mo naya kgatiso: Baebele ya re Bogosi Jwa Modimo ke puso ya mmatota. Setlhogo seno se bua ka dilo tse dingwe tse di mo Baebeleng ka Bogosi jono.
RUTA BOAMMAARURI
Potso: Re ka itse jang gore Modimo o a re kgathalela?
Temana: 1Pe 5:7
Boammaaruri: Modimo o batla gore re mo rapele ka gonne o a re kgathalela.
ITIRELE PUISANO
Itirele puisano o dirisa tsela e e tshwanang le e e fa godimo.