LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb16 September ts. 3
  • “Tsamaya mo Molaong wa ga Jehofa”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Tsamaya mo Molaong wa ga Jehofa”
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ikanye Lefoko la ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Letla Lefoko la Modimo e Nne Lesedi la Tsela ya Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • O Rata Lefoko la Modimo go le Kana Kang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • “A bo Ke Rata Molao wa Gago Jang Ne!”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
mwb16 September ts. 3

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | PESALEMA 119

“Tsamaya mo Molaong wa ga Jehofa”

Go tsamaya mo molaong wa ga Jehofa go kaya go ikobela ditaelo tsa ga gagwe ka go rata. Fela jaaka mopesalema, re na le dikao di le dintsi mo Baebeleng tsa batho ba ba neng ba ikobela ditaelo tsa ga Jehofa le go ikaega ka tsone.

Mopesalema a dirisa thobane go tsamaya

Re ka bona boitumelo jwa boammaaruri fa re tsamaya ka molao wa Modimo

119:1-8

Joshua a bala momeno

Joshua o ne a bontsha gore o ikanya kaelo ya ga Jehofa ka botlalo. O ne a itse gore o tlhoka go ikanya Jehofa ka pelo yotlhe gore a itumele le gore a atlege

Lefoko la Modimo le re naya bopelokgale jo re bo tlhokang gore re lebane le diteko mo botshelong

119:33-40

Jeremia a rapela

Jeremia o ne a bontsha gore o pelokgale le gore o ikanya Jehofa fa a ne a lebane le maemo a a thata. O ne a tshela botshelo jo bo motlhofo e bile a itshokile mo tirong ya gagwe

Go nna le kitso e e tlhomameng ya Lefoko la Modimo go dira gore re rere ka bopelokgale

119:41-48

Paulo a rerela Mmusi Felise

Paulo o ne a sa tshabe go rerela ope molaetsa wa Modimo. O ne a ikanya Jehofa ka botlalo gore a mo thuse go rerela Mmusi Felise ka bopelokgale

Mopesalema a dirisa thobane go tsamaya

Ke maemo afe a ke tlhokang go bontsha bopelokgale mo go one fa ke rerela ba bangwe?

  • Sekolo

  • Tiro

  • Lelapa

  • A Mangwe

Pesalema 119 e rulagantswe ka ditlhaka tsa Sehebera. Gongwe seno se ne se dira gore go nne motlhofo go e gopola. Pesalema eno e na le dikarolo di le 22, karolo nngwe le nngwe e na le ditemana di le 8. Mo karolong nngwe le nngwe, ditemana tsotlhe di simolola ka tlhaka ya Sehebera e e tshwanang. E re ka go na le ditlhaka di le 22 mo puong ya Sehebera, pesalema eno e na le ditemana di le 176, mme seno se dira gore e nne pesalema e e telele go di gaisa tsotlhe mo Baebeleng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela