LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb16 October ts. 5
  • Botlhale bo Botoka Go na Le Gauta

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botlhale bo Botoka Go na Le Gauta
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Botlhale ke Tshireletso”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Tswine ya Dinotshe—Phodiso e e Botshe
    Tsogang!—2002
  • “Go Itumela Motho yo o Boneng Botlhale”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Botlhale Jwa Boammaaruri bo Goela Kwa Godimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
mwb16 October ts. 5

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DIANE 12-16

Botlhale bo Botoka Go na Le Gauta

E e Gatisitsweng
Sekale se se pegileng momeno o o bokete go feta gauta

Goreng botlhale jwa bomodimo bo le botlhokwa thata jaana? Bo dira gore ba ba nang le jone ba fapoge bosula mme ba tshele. Bo dira gore tsela e ba itshwarang ka yone, e ba buang ka yone le e ba di dirang dilo ka yone e nne molemo.

Botlhale bo dira gore motho a se ka a ikgogomosa

16:18, 19

  • Monna yo o ikgogomosang

    Motho yo o botlhale o bona Jehofa e le ene Motswedi wa botlhale jotlhe

  • Batho ba ba atlegang kana ba ba newang maikarabelo a a oketsegileng ba tshwanetse go ikela tlhoko fela thata gore ba se ka ba ikgogomosa le go itseela kwa godimo

Botlhale bo dira gore re bue dilo tse di agang

16:21-24

  • Monna mongwe o a bua fa yo mongwe a reeditse

    Motho yo o botlhale o dirisa temogo go batla se se molemo mo bathong ba bangwe le go bua dilo tse di ntle ka bone

  • Mafoko a a botlhale ga a tlhabe e bile ga a bogale mme a na le tlhotlheletso e bile a tshwana le tswina ya dinotshe

A O NE O ITSE?

Mamepe a tswina ya dinotshe

Tswina ya dinotshe e silega motlhofo fa e tsena mo mmeleng wa motho e bo e mo naya maatla. E ratelwa gore e botshe le gore e kgona go fodisa.

Mafoko a a molemo a lapolosa moya fela jaaka mamepe a siametse mmele.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela