LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb16 November ts. 2
  • “Mong wa Gagwe ke Motho yo o Itsegeng mo Dikgorong”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Mong wa Gagwe ke Motho yo o Itsegeng mo Dikgorong”
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgakololo e e Botlhale ya Mmè
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Baebele e Bua ka Mosadi yo o Nang le Bokgoni
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
  • Go Bontsha Lorato le Tlotlo Jaaka Mosadi yo o Nyetsweng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Go Bontsha Lorato le Tlotlo Jaaka Monna yo o Nyetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
mwb16 November ts. 2

BOTSHELO JWA BOKERESETE

“Mong wa Gagwe ke Motho yo o Itsegeng mo Dikgorong”

Mosadi yo o nang le bokgoni o dira gore monna wa gagwe a tlotlege. Ka motlha wa ga Kgosi Lemuele, monna yo o neng a na le mosadi yo o nang le bokgoni o ne a ‘itsege mo dikgorong.’ (Dia 31:23) Gompieno banna ba ba tlotlegang ba direla e le bagolwane le batlhanka ba bodiredi mo phuthegong. Fa e le gore ke banna ba ba nyetseng, tsela e basadi ba bone ba itshwarang le go ba ema nokeng ka yone e botlhokwa, gore ba kgone go direla sentle mo phuthegong. (1Ti 3:4, 11) Basadi ba ba nang le bokgoni ba anaanelwa ke banna ba bone le phuthego.

Mosadi a bua le monna wa gagwe ka boikokobetso; mosadi a tlhokometse bana fa monna wa gagwe a dira dilo tse di amanang le phuthego; mosadi a reka dijo

Mosadi yo o nang le bokgoni o thusa monna wa gagwe go direla mo phuthegong ka go . . . 

  • mo kgothatsa ka mafoko.—Dia 31:26

  • mo tlogela a diragatsa maikarabelo a gagwe mo phuthegong.—1Bath 2:7, 8

  • sa batle go tshela botshelo jo bo manobonobo.—1Ti 6:8

  • sa itshunye nko mo mererong e e sa mo ameng mo phuthegong.—1Ti 2:11, 12; 1Pe 4:15

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela