LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp20 no. 3 ts. 8-9
  • Re Ithuta ka Modimo mo Baporofeting ba Gagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Ithuta ka Modimo mo Baporofeting ba Gagwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ABORAHAME
  • MOSHE
  • JESU
  • JESU GA SE MODIMO
  • O ka Nna le Masego a a Tswang Kwa Modimong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
  • Jesu Keresete E ne E le Moperofeti yo o Tshwanang le Moshe ka Tsela Efe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Anaanela Moshe yo Mogolwane
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Jesu Keresete ke Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
wp20 no. 3 ts. 8-9
Aborahame o lebile dinaledi a tsholeditse matsogo.

Re Ithuta ka Modimo mo Baporofeting ba Gagwe

Bogologolo Modimo o ne a dirisa baporofeti go fetisetsa molaetsa o o botlhokwa kwa bathong. Melaetsa eo e ka re thusa gore re itse mo go oketsegileng ka Modimo. A re ithute ka bangwe ba baporofeti ba Modimo a neng a ba dirisa.

ABORAHAME

Modimo o tekatekano e bile o batla go segofatsa batho botlhe.

Modimo o ile a tshepisa Aborahame jaana: “malapa otlhe a lefatshe ruri a tla itshego- fatsa ka wena.”—Genesise 12:3.

Seno se re ruta eng? Modimo o re rata thata e bile o batla go segofatsa malapa otlhe —banna, basadi, bana le botlhe ba ba mo ikobelang.

MOSHE

Modimo o a ikanyega e bile o segofatsa botlhe ba ba batlang go mo itse.

Modimo o ile a naya Moshe maatla a go dira dikgakgamatso. Mme gone Moshe o ile a rapela jaana: “Ntira gore ke itse ditsela tsa gago, gore ke tle ke go itse, gore ke tle ke bone kamogelo mo matlhong a gago.” ( Ekesodo 33:13) Modimo o ile a araba thapelo ya ga Moshe mme o ile a mo naya kitso e e oketsegileng a bo a mo thusa gore a tlhaloganye ditsela tsa gagwe le go mo itse. Ka sekai, Moshe o ile a lemoga gore Mmopi wa rona ke “Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle.”—Ekesodo 34:6, 7.

Seno se re ruta eng? Modimo o batla go segofatsa batho botlhe, mme o tla re segofatsa fa fela re batla go mo itse botoka. Mo Dikwalong Tse di Boitshepo Modimo o re bontsha gore re ka mo obamela jang, re ka atamalane le ene jang le gore o batla go re segofatsa.

JESU

Jesu a fodisa monna yo o tshwerweng ke lepero.

Jesu o ne a fodisa batho ba ba lwalang

Fa re ithuta ka Jesu le ka dithuto tse a neng a di ruta, Modimo o tla re segofatsa mme re tla itumela.

Lefoko la Modimo le re ruta go le gontsi ka botshelo jwa ga Jesu le dithuto tsa gagwe. Modimo o ile a naya Jesu maatla a go fodisa ba ba lwalang, ba ba sa boneng, ba ba sa utlweng le ba ba golafetseng. Jesu o ile a tsosa baswi. Dilo tse Jesu a neng a di dira mo lefatsheng, di bontsha se Modimo a tlileng go re direla sone mo nakong e e tlang. O ile a re tlhalosetsa gore rona re ka a itumelela jang masego ao: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:3.

Jesu o ne a utlwela batho botlhoko, a le bonolo e bile a le pelontle. Banna le basadi, ba bagolo le ba bannye, ba ile ba amogela taletso eno ya ga Jesu: “Ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo.” (Mathaio 11:29) Go farologana le batho ba ba neng ba tshela ka motlha wa gagwe, Jesu ene o ne a tshwara basadi ka tlotlo le seriti.

Seno se re ruta eng? Jesu Keresete o ile a re tlhomela sekao sa gore re tshwanetse go rata batho ba bangwe le gore re tshwanetse go dirisana jang le bone.

JESU GA SE MODIMO

Dikwalo tse di Boitshepo tsa re “go na le Modimo a le mongwe” mme Jesu ene ke morongwa wa gagwe. (1 Bakorintha 8:6) Jesu o ile a re Modimo o mogolo go mo feta e bile ke ene a mo romileng mo lefatsheng.—Johane 11:41, 42; 14:28.a

a Go ithuta mo go oketsegileng ka Jesu Keresete, bona karolo 8 le 9 tsa boroutšhara jwa Real Faith—Your Key to a Happy Life mo www.jw.org.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela