LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp20 no. 3 ts. 10
  • Rapelela Gore Modimo a go Thuse

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Rapelela Gore Modimo a go Thuse
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • FA O RAPELA MODIMO, MMOLELE SE SE MO PELONG YA GAGO
  • FA O RAPELA, BITSA MODIMO KA LEINA LA GAGWE
  • RAPELA KA PUO NNGWE LE NNGWE E O E RATANG
  • Atamela Modimo ka Thapelo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Tshiamelo ya thapelo
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Thapelo e ka Nonotsha Botsala Jwa Gago le Modimo
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Go Atamela Modimo ka Thapelo
    Modimo o Batla Gore re Direng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
wp20 no. 3 ts. 10
Monna a rapela.

Modimo ke “Moutlwi wa thapelo” e bile o itumelela go reetsa dithapelo tsa rona.—PESALEMA 65:2

Rapelela Gore Modimo a go Thuse

Modimo o file batho mpho e e molemo thata ya go bua le ene ba dirisa thapelo. Moporofeti Dafide o ile a rapela jaana: “Wena Moutlwi wa thapelo, batho ba nama yotlhe ba tla tla kwa go wena.” (Pesalema 65:2) Mme gone re ka rapela jang gore Modimo a re segofatse?

FA O RAPELA MODIMO, MMOLELE SE SE MO PELONG YA GAGO

Thapelo e go thusa gore o tshololele pelo ya gago fa pele ga Modimo. (Pesalema 62:8) Modimo o rata dithapelo tse di tswang pelong.

FA O RAPELA, BITSA MODIMO KA LEINA LA GAGWE

Le fa gone Modimo a na le direto di le dintsi jaaka Morena, Ramasedi le Mmopi, o na le leina le le lengwe fela. “Ke nna Jehofa. Ke lone leina la me.” (Isaia 42:8) Leina Jehofa le tlhagelela makgetlho a ka nna 7 000 mo Dikwalong Tse di Boitshepo. Baporofeti ba le bantsi ba ne ba dirisa leina la Modimo fa ba rapela. Aborahame o ile a re: “Jehofa, . . . mma ke tswelele ke bue [le wena].” (Genesise 18:30) Le rona re tshwanetse go dirisa leina la Modimo e leng Jehofa fa re rapela.

RAPELA KA PUO NNGWE LE NNGWE E O E RATANG

Go sa kgathalesege gore re rapela ka puo efe, Modimo o tlhaloganya dikakanyo le maikutlo a rona. Dikwalo Tse di Boitshepo di re bolelela gore: “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.”—Ditiro 10:34, 35.

Mme gone e le gore Modimo a re segofatse, go na le sengwe gape se re tlhokang go se dira. Mo ditlhogong tse di latelang re tla bona gore re tlhoka go dira eng gore Modimo a re segofatse.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela