LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb17 January ts. 8
  • Rapelela Bakeresete ba ba Bogisiwang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Rapelela Bakeresete ba ba Bogisiwang
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikgang Tse di Agang
    Kafa Meneelo e Dirisiwang ka Gone
  • Itumele Le fa O Bogisiwa
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Ba a Bogisiwa Mme ba Itumetse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • “Lo Rapèlèlanè”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
mwb17 January ts. 8

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Rapelela Bakeresete ba ba Bogisiwang

Baebele e ile ya porofeta gore Satane o tla re bogisa ka maikaelelo a go kgoreletsa bodiredi jwa rona. (Joh 15:20; Tsh 12:17) Re ka thusa jang badumedimmogo ka rona ba ba bogisiwang mo dinageng tse dingwe? Re ka ba rapelela. “Mokokotlelo wa motho yo o siameng . . . o na le maatla a magolo.”—Jak 5:16.

Mokaulengwe a tsenngwa mo kgolegelong; bakaulengwe le bokgaitsadi; mokaulengwe a rapela

Re ka rapelela eng? Re ka kopa Jehofa gore a neye bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona bopelokgale jwa go sa boife sepe. (Isa 41:10-13) Gape re ka rapelela gore balaodi ba lebe tiro ya rona ya go rera ka tsela e e siameng “gore re tle re tswelele re tshela botshelo jo bo sisibetseng le jo bo didimetseng.”—1Ti 2:1, 2.

Fa Paulo le Petere ba ne ba bogisiwa, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ile ba ba rapelela ba ba bitsa ka maina. (Dit 12:5; Bar 15:30, 31) Le fa gone re sa itse maina a Bakeresete botlhe ba ba bogisiwang gompieno, e ne e ka re fa re rapela re bo re umaka diphuthego tsa bone, mafelo a ba nnang kwa go one kana dinaga tse ba nnang kwa go tsone.

  • Tshedimosetso e e buang ka Basupi ba ga Jehofa ba ba bogisiwang gone jaanong, e ka bonwa mo jw.org. (Tsena mo DIKGANG > TSA SEMOLAO.)

  • Setlhogo se se mo jw.org sa “Basupi ba ga Jehofa ba Tshwerwe ka Ntlha ya Tumelo ya Bone—Mo Mafelong a a Farologaneng” se bontsha lenaane la Basupi ba ba sa ntseng ba tshwerwe kwa dinageng tse di farologaneng. (Tsena mo DIKGANG > TSA SEMOLAO. Tobetsa naga nngwe go bona dintlha tse di oketsegileng le go bona lenaane la maina a batho ba ba mo kgolegelong.)

Kwala mafelo a Bakeresete ba bogisiwang kwa go one gore o kgone go ba rapelela.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela