MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JEREMIA 22-24
A o Na le ‘Pelo ya go Itse’ Jehofa?
Jehofa o ne a tshwantsha batho le difeige
Bajuda ba ba ikanyegang ba ba neng ba ile botshwarwa kwa Babelona, ba ne ba tshwana le difeige tse di molemo
Kgosi Sedekia le ba bangwe ba ba neng ba dira dilo tse di bosula, ba ne ba tshwana le difeige tse di bosula
Re ka nna le ‘pelo ya go itse’ Jehofa jang?
Jehofa o tla re naya ‘pelo ya go mo itse’ fa re dirisa se re se ithutang mo Lefokong la gagwe
Re tshwanetse go sekaseka se se mo dipelong tsa rona re bo re tlosa maikutlo le dikeletso tse di ka senyang kamano ya rona le Jehofa