BOTSHELO JWA BOKERESETE
Go Tlhokomela Mafelo a Rona a Kobamelo
Diholo tsa rona tsa Bogosi ga se dikago fela tse di sa reng sepe; ke mafelo a re a dirisetsang go obamela Modimo wa rona Jehofa. Mongwe le mongwe wa rona a ka nna le seabe jang mo go tlhokomeleng Holo ya Bogosi? Fa lo sena go leba bidio ya Go Tlhokomela Mafelo a Rona a Kobamelo, tlotlang ka dipotso tse di latelang.
Diholo Tsa Bogosi di dirisediwa eng?
Goreng re tshwanetse go boloka Holo ya Bogosi e le phepa e bile e le mo boemong jo bo siameng?
Go tlhokomela Holo ya Bogosi ke boikarabelo jwa ga mang?
Ke eng fa go le botlhokwa gore holo e nne lefelo le le sireletsegileng, mme ke dikai dife tse o di boneng mo bidiong eno?
Re ka tlotla Jehofa jang ka go ntsha meneelo?