LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb17 June ts. 2
  • A o Dumela Ditsholofetso Tsa ga Jehofa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Dumela Ditsholofetso Tsa ga Jehofa?
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modiragatsi wa Ditsholofetso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Se Joshua a Neng a se Gakologelwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Joshua
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Buka ya Bibela ya bo 6—Yoshue
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
mwb17 June ts. 2

BOTSHELO JWA BOKERESETE

A o Dumela Ditsholofetso Tsa ga Jehofa?

Joshua le Solomone ba ile ba tlhalosa gore ka dinako tsotlhe Modimo o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. (Jos 23:14; 1Dik 8:56) Se banna bano ba babedi ba se buileng se ka re thusa gore le rona re nne le tumelo e e tshwanang.—2Bak 13:1; Tit 1:2.

Jehofa o ile a diragatsa jang ditsholofetso tsa gagwe ka motlha wa ga Joshua? Wena le ba lelapa la gago lebang bidio e e reng ‘Ga go Na Lefoko Lepe Le le Sa Diragalang.’ Go tswa foo, tlotlang ka dipotso tse di latelang: (1) O ka etsa jang tumelo ya ga Rahabe? (Bah 11:31; Jak 2:24-26) (2) Sekao sa ga Akane se bontsha jang gore go tlola melao ya Modimo ka boomo go tlisa masetlapelo? (3) Le fa banna ba Gibeone e ne e le batlhabani, ke eng fa ba ne ba tsietsa Joshua le go dira kagiso le Iseraele? (4) Lefoko la ga Jehofa le ile la diragadiwa jang fa dikgosi tse tlhano tsa Baamore di ne di tshosetsa Baiseraele? (Jos 10:5-14) (5) Jehofa o ile a go thusa jang fa o ntse o dira gore Bogosi le tshiamo ya gagwe di tle pele mo botshelong jwa gago?—Mat 6:33.

Fa re ntse re akanya ka dilo tse Jehofa a di dirileng, tse a di dirang le tse a tlileng go di dira mo nakong e e tlang, seo se tla nonotsha tumelo ya rona mo ditsholofetsong tsa gagwe.—Bar 8:31, 32.

Joshua

A o na le tumelo e e tshwanang le ya ga Joshua?

DIPOTSO TSE O KA AKANYANG KA TSONE:

  • Ke boporofeti bofe jwa Baebele jo o bonang bo diragadiwa?

  • Ke boporofeti bofe jwa Baebele jo o lebileng pele go bona bo diragadiwa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela