MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ESEKIELE 1-5
Esekiele O ne A Itumelela go Itsise Batho Molaetsa wa Modimo
Esekiele o ne a bona ponatshegelo e mo go yone Jehofa a neng a mo naya momeno le go mo laela gore a o je. Ponatshegelo eo e ne e kaya eng?
Esekiele o ne a tshwanetse go tlhaloganya molaetsa wa Modimo ka botlalo. Fa Esekiele a ne a tlhatlhanya ka mafoko a a mo momenong oo, a ne a tla mo ama pelo le go mo tlhotlheletsa go tsaya kgato
Momeno o ne o le botshe ka gonne Esekiele o ne a itumelela kabelo ya gagwe