BOTSHELO JWA BOKERESETE
Tshela Go ya Ka Melao ya Modimo
Jehofa Modimo ke ene a re beelang melao ya se se siameng le se se sa siamang. Ka sekai, molao wa gagwe wa re lenyalo ke thulaganyo e e nnelang ruri magareng ga monna le mosadi. (Mat 19:4-6, 9) Modimo o kgatlhanong le boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. (1Bak 6:9, 10) O beetse batlhanka ba gagwe melaometheo e e kaelang tsela e ba tshwanetseng go ipaakanya le go apara ka yone.—Dut 22:5; 1Ti 2:9, 10.
Gone jaanong batho ba le bantsi ba itlhokomolosa melao ya ga Jehofa. (Bar 1:18-32) Tsela e ba aparang, ba ipaakanyang le e ba itshwarang ka yone e tlhotlhelediwa ke batho ba ba sa obameleng Modimo. Batho ba le bantsi ba buelela mekgwa ya bone e e leswe e bile ba kgala batho ba ba lekang go tshela ka melao ya Modimo.—1Pe 4:3, 4.
Rona Basupi ba ga Jehofa re tshwanetse go nna pelokgale mme re tshele go ya ka melao ya Modimo ya boitsholo. (Bar 12:9) Re ka dira seo jang? Re tshwanetse go bolelela batho gore Modimo o batla gore re tshele jang. Mo godimo ga moo, rona ka borona re tshwanetse go tshela go ya ka melao ya Modimo. Ka sekai, fa re ipaakanya kgotsa re tlhopha diaparo, re tshwanetse go ipotsa gore: ‘A ditshwetso tsa me di bontsha gore ke tshela ka melao ya ga Jehofa kgotsa ke latela feshene ya lefatshe? A tsela e ke aparang kgotsa e ke ipaakanyang ka yone e bontsha gore ke Mokeresete yo o boifang Modimo?’ Fa re tlhopha lenaneo la thelebishene kgotsa re batla go leba filimi nngwe, re tshwanetse go ipotsa gore: ‘Jehofa o ikutlwa jang ka lenaneo leno la thelebishene? A le tlotlomatsa mekgwa e e leswe ya lefatshe leno? A go le lebelela go ka dira gore ke wele mo boitsholong jo bo sa siamang? (Pes 101:3) A le ka kgopisa ba lelapa kgotsa Bakeresete ba bangwe?’—1Bak 10:31-33.
Goreng go le botlhokwa gore re tshele go ya ka melao ya ga Jehofa? Go ise go ye kae, Jesu Keresete o tlile go senya ditšhaba le batho botlhe ba ba bosula. (Esek 9:4-7) Go tla sala fela batho ba ba dirang thato ya Modimo. (1Jo 2:15-17) Ka jalo, a re tsheleng go ya ka melao ya ga Jehofa ya boitsholo gore batho ba bone boitshwaro jwa rona jo bo molemo mme ba galaletse Modimo.—1Pe 2:11, 12.
A tsela e ke aparang le e ke ipaakanyang ka yone e bontsha gore ke tshela go ya ka melao ya Modimo ya boitsholo?
LEBA BIDIO YA NNA TSALA YA GA JEHOFA—MONNA LE MOSADI, GO TSWA FOO, ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Goreng go le botlhokwa gore re tshele go ya ka melao ya ga Jehofa?
Goreng batsadi ba tshwanetse go ruta bana ba bone melao ya ga Jehofa ya boitsholo fa ba sa ntse ba le bannye?
Bana le bagolo ba ka thusa jang batho ba bangwe gore ba bone tsela e melao ya Modimo e ka ba solegelang molemo ka yone?