Ba rera ka ntlo le ntlo kwa Italy
Dipuisano Tse Re ka Di Dirisang
TORA YA TEBELO
Potso: A boikaelelo jwa Modimo ke gore re swe?
Temana: Tsh 21:4
Fa o mo naya kgatiso: Makasine ono wa Tora ya Tebelo o sekaseka se Baebele e se buang ka botshelo le loso.
RUTA BOAMMAARURI
Potso: Ke ka ntlha yang fa re boga?
Temana: 1Jo 5:19
Boammaaruri: Satane Diabolo ke ene a laolang lefatshe.
THUTO YA BAEBELE E TSHWARWA JANG?
Fa o mo naya kgatiso: Basupi ba ga Jehofa ba na le thulaganyo ya go ithuta Baebele le batho mahala le go araba dipotso tse di jaaka: Ke ka ntlha yang fa re boga? Nka dirang gore lelapa la me le itumele? Bidio eno e re bontsha kafa thuto ya Baebele e tshwarwang ka gone. [Tshameka bidio.] Re ka dirisa kgatiso eno mo dipuisanong tsa rona. [Bontsha mong wa ntlo nngwe ya dikgatiso tse re di dirisang go tshwara thuto ya Baebele mme fa go kgonega mmontshe gore thuto e tshwarwa jang.]
ITIRELE PUISANO
Itirele puisano o dirisa tsela e e tshwanang le e e fa godimo.