LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb17 August ts. 2
  • Etsa Dinonofo Tsa Modimo—Boikokobetso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Etsa Dinonofo Tsa Modimo—Boikokobetso
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa o Rata Batho ba ba Boikokobetso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa O Tshwanetse go Nna Boikobo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • “Ke . . . Boikokobetso mo Pelong”
    ‘Tla o Nne Molatedi wa Me’
  • Lwela go Nna le Boikokobetso Jwa Mmatota
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
mwb17 August ts. 2

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Etsa Dinonofo Tsa Modimo—Boikokobetso

GORENG GO LE BOTLHOKWA:

  • Boikokobetso bo dira gore re nne ditsala tsa ga Jehofa.—Pes 138:6

  • Boikokobetso bo dira gore re dirisane sentle le ba bangwe.—Baf 2:3, 4

  • Boikgogomoso bo kotsi.—Dia 16:18; Esek 28:17

SE O KA SE DIRANG:

  • Kopa kgakololo mme o e dirise.—Pes 141:5; Dia 19:20

  • Thusa ba bangwe ka go dira dilo tse go lebegang di se botlhokwa go le kalo.—Mat 20:25-27

  • O se ka wa letla gore bokgoni kgotsa ditshiamelo tsa gago di go dire mabela.—Bar 12:3

Mokaulengwe o phepafatsa ntlwana ya Holo ya Bogosi

Nka bontsha boikokobetso ka ditsela dife tse dingwe?

LEBA BIDIO YA TILA DILO TSE DI KA DIRANG GORE O SE KA WA TLHOLA O IKANYEGA—BOIKGOGOMOSO, GO TSWA FOO, ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Tsela e re tsibogang ka yone fa re newa kgakololo e bontsha gore re batho ba ba ntseng jang?

  • Thapelo e re thusa jang gore re nne batho ba ba ikokobeditseng?

  • Re ka bontsha boikokobetso ka ditsela dife?

SEKAO SA BAEBELE SE RE KA AKANYANG KA SONE:

Ga go ise go nne le motho ope yo o tshwanang le Jesu. Mme gone, o ne a le boikokobetso.—Mat 20:28; Joh 13:3-5, 14, 15.

Ipotse jaana: ‘Nka etsa jang boikokobetso jwa ga Jesu?’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela