BOTSHELO JWA BOKERESETE
Etsa Dinonofo Tsa Modimo—Tumelo
GORENG GO LE BOTLHOKWA:
Re tlhoka go nna le tumelo fa re batla go itumedisa Modimo.—Bah 11:6
Go dumela ditsholofetso tsa Modimo go re thusa go itshokela diteko.—1Pe 1:6, 7
Go tlhoka tumelo go ka dira gore re leofe.—Bah 3:12, 13
SE O KA SE DIRANG:
Bala Lefoko la Modimo o bo o akanya ka se o se badileng.—Bar 10:17; 1Ti 4:15
Tsalana le batho ba ba nang le tumelo.—Bar 1:11, 12
Nka nonotsha jang tumelo ya me le ya ba lelapa la me?
LEBA BIDIO YA LATELELA DILO TSE DI DIRANG GORE O NNE O IKANYEGA—TUMELO, GO TSWA FOO, ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG: